Kgosi e bosula
Alice Nakasango
Marleen Visser

Podi ene ele kgosi ya diphologolo le dinonyane.
O ne a bitsa phuthego.

1

Podi o ne a ba bolelela gore o nnile le toro.
Botlhe ba mo reetsa.

2

Toro e ne e le ka tlala.

"Re dire jang?" ga botsa Katse.

3

"A re boloke dijo mo ntlong ya kgosi." ga bua koko le pidipidi.

4

"Tshwarang ope o sa dumalaneng le mogopolo o." ga bua kgosi podi.

5

Ga tla nako ya go tlhopa kgosi e ncha.

Ba tlhopa katse.

6

Podi o ne asa batle katse a nna kgosi.
"Ke nna kgosi,"podi a bua ka tenego.

7

Podi o ne gana go tsaya dijo.

"Re dire jang?", ga botsa Kgomo.

8

Diphologolo le dinonyane ba bua mmogo.

Ba tenegetse Podi.

9

"Ne ke nna ke nale ene ha a busa e le kgosi." Ntsa a bua.

10

"Ke file bana ba gagwe bobowa jo bontle fa e le kgosi."
Nku a bua.

11

"Ke mo tlhokomeletse tshingwana, fa ele kgosi." Kolobe a lela.

12

"A Podi o ne a tsaya gore o tla nnela kgosi ruri?" ga botsa Nku.

13

Diphologolo tsa dumalana gore Podi a isetse kgosi Katse dijo.

14

Di fitlhetse Podi a iketlile.
"Ke tsile go nna ke le kgosi." ga bua Podi .

15

"Re tla go tshwara, re go isa ko kgosing e ncha."

16

Kgomo a gogela Podi ko kgotlatshekelong ya kgosi.

Ba bangwe ba goeletsa.

17

Ke lebaka le, dipodi di ganang go suta fa di gogiwa.

18
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Kgosi e bosula
Author - Alice Nakasango
Translation - Kutlwano Pascaline Mosweu
Illustration - Marleen Visser
Language - Setswana (Botswana)
Level - First words