Diphologolo di a sia
Cissy Kiwanuka Luyiga
Magriet Brink

Mosadimogolo o ne a nale dikoko le motsofe wa mokoko.

1

Ngwana wa ngwana wa gagwe o ne a mo etela.

A ikaelela go bolaya mokoko.

2

Mokoko o ne wa siela ko toropo kgolo.

3

Mokoko o ne wa kopana le katse e sia motlhokomedi wa yone.

4

Mokoko le katse di kopane le ntsa e neng le yone e sia.

5

Di ne tsa kopana le pitsi e neng e sia le yone.

6

Diphologolo tsa tla ko ntlong ngwe.

Di bone magodu mo teng!

7

Diphologo tsa opelela kwa godimo go koba magodu.

8

Di ne tsa ja dijo tse di di fitlhetseng mo ntlong.

9

Magodu a ne a boa gape.

Diphologo tsa ba tlhasela.

10

Magodu a ne a siela ruri.

11

Diphologo di ne tsa tshela mmogo ka boitumelo mo ntlong.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Diphologolo di a sia
Author - Cissy Kiwanuka Luyiga
Translation - Kutlwano Pascaline Mosweu
Illustration - Magriet Brink
Language - Setswana (Botswana)
Level - First words