Monna yo moleele
Cornelius Wambi Gulere
Catherine Groenewald

Mogoma wa gaagwe o ne o le mokhutswane thata .

1

Lebati la ntlo ya gagwe le ne le le ko tlase thata.

2

Bolao jwa gagwe bo ne bo le bokhutshwane thata.

3

Baesekele ya gagwe e ne e le khutshwane thata.

4

Monna o ne a le moleele thata!

5

O ne a betla logong lo loleele la mogoma.

6

O ne a dira lebati la ntlo le leele.

7

O ne a dira bolao jo bo leele.

8

O ne a reka baesekele e e ko godimo.

9

O ne a gata mo setilong se se kwa godimo.

A ja ka foroko e telele thata.

10

O tlogetse ntlo ya gagwe, a ya go nna mo sekgweng dingwaga tse dintsi.

11
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Monna yo moleele
Author - Cornelius Wambi Gulere
Translation - Kutlwano Pascaline Mosweu
Illustration - Catherine Groenewald
Language - Setswana (Botswana)
Level - First words