Andiswa mogaka wa kgwele ya dinao
Eden Daniels
Eden Daniels

Andiswa o ne a lebeletse basimane ba tshameka kgwele ya dinao. O ne a eletsa go ka tshameka le bona.

O ne a botsa mokatisi gore a ka ikatisa le bona na.

1

Mokatisi o ne a itshwara mo diropeng. "Mo sekolong se, basimane ke bona fela ba ba dumeletsweng go tshameka kgwele ya dinao".

2

Basimane ba mmolella gore a ye go tshameka bolotloa. Ba ne bare bolotloa ke ya basetsana mme kgwele ya dinao ke ya basimane. Andiswa o ne a utlwa botlhoko.

3

Letsatsi le le latelang, go ne go nale kgaisano e kgolo ya kgwele ya dinao. Mokatisi o ne a tshwenyegile gonne motshameki yo o tlhwatlhwa o ne a lwala.

4

Andiswa o ne a kopa mokatisi, "ke kopa go tshameka tsweetswee". Mokatisi o ne a sa itse gore a ka dira eng, mme a dumelela Andiswa go tshameka le setlhopha.

5

Motshameko o ne o le popota. Go ne go sena yo a nositseng ka nako ya go ikhutsa.

6

Mo karolong ya bobedi, Andiswa o ne a tshwara kgwele. O ne a sia ka lobelo go ya kwa dinong. O ne a raga kgwele mme a nosa nno.

7

Babogedi ba ne ba itumela thata. Go simolola ka letsatsi leo, basetsana le bona ba ne ba dumelelwa go tshameka kgwele ya dinao.

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Andiswa mogaka wa kgwele ya dinao
Author - Eden Daniels
Translation - Zandile Nyathi
Illustration - Eden Daniels
Language - Setswana
Level - First sentences