

Tamara e ne e le mosetsana wa dingwaga di le tlhano yo o neng a dula le ba lelapa la gaabo.
Motse wa bona o ne o le gaufi le sekgwa se se neng se na le diphologolo tse di tlhaga.
Tamara o ne a le boikobo go batsadi ba gagwe.
O ne a tlhokomela dinku le dipodi.
Tamara o ne a rata go reetsa dinonyane di opela fa a ntse a tlhokometse diphologolo.
Fa dinonyane di opela, o ne a tsenya mafoko a gagwe mo moloding.
Tamara o ne a le monnye thata go tsena sekolo.
Batsadi ba gagwe ba ne ba letlelela fela bana ba bona bao ba godileng, Botshelo le Tebogo, go ya sekolong.
Se ne se le bokgakala jwa dikilomitara di le 10.
Botshelo le Tebogo ba tsamaya le bana ba bangwe go tswa mo motseng mo mosong mme ba boe mo maitseboeng.
Ba ne ba jara dijo ka medutwana e mennye.
Tamara a botsa mmaagwe, "Ke tlile go ya leng sekolong?"
Mmaagwe a araba, "O tla ya mo bogautshwaneng, ngwanaka."
Ka letsatsi lengwe, koloi ya goroga ka kgosi le basadi ba babedi.
Kgosi ya netefatsa fa bana ba ya sekolong ka dingwaga tse di maleba.
Batho ba ne ba dumela gore fa ngwana a ne a kgona go otlolola letsogo go dikologa tlhogo a be a tshwara tsebe, o ne a siametse go simolola sekolo.
Kgosi ya botsa, "O dingwaga di le kae?"
Tamara a araba, "Ke na le dingwaga di le tlhano."
"A re bone gore a o ka ya sekolong," ga rialo kgosi.
Yo mongwe wa basadi a tsaya letsogo la ga Tamara la moja ka bonolo a le baya fa godimo ga tlhogo ya gagwe.
Tamara a tshwara tsebe ya gagwe ya molema.
Tamara o tla ya kwa sekolong se se farologaneng le sa ga Botshelo le Tebogo.
Se ne se le sešwa gape se le gaufi le legae.
Tamara o ne a itumetse thata.
A akanya a re, "Ke tla kgona go buisa le go kwala jaaka Botshelo le Tebogo."

