Reetsa mmele wa me
Noni
Angie and Upesh

Gompieno ga ke ye sekolong.

Ke letsatsi la boikhutso!

1

Gompieno ga ke ye go lebelela thelebišene.

Ga go na motlakase.

2

Ke tlile go dira eng?

Gompieno ke tlile go reetsa mmele wa me!

3

Sa ntlha, ke tshwanetse ka sisibala.

Gore ke tle ke kgone go ka reetsa mmele wa me.

4

Ee, jaanong ke kgona go utlwa go hema ga me.

Ke hemela mo teng le ka kwa ntle, mo teng le kwa ntle.

5

Gape ke kgona go dira go hema ga me go nne modumo.

Sssssssssssss!

Go se nne modumo.

Mmmmmmm.

6

Jaanong ke kgona go utlwa go itaya ga pelo ya me.

Thuu, thuu, thuu!

7

A ke ka kgona go dira gore pelo ya me e iteele ka bonako kgotsa kwa godimo?

Ee, ka go tlola-tlola makgetlo a le someamabedi.

8

Jaanong bona, pelo ya me e itaya ka bonako.

9

Fa ke baya menwana mo nokong ya letsogo, ke kgona go utlwa go uba ga tshika!

10

Ke kgona go ikutlwa ke tshega.

Haha, haha, haaah, haaa!

11

Ke kgona go ikutlwa ke lela.

Boohoooo hooo!

12

Ke gona go ikutlwa ke opa diatla.

Thwaaa, thwaaa, thwaaa.

13

Ke kgona go utlwa mala a duma!

Kurr, kurr, kurrr!

14

Mala a me a re, "Mphe dijo!"

15

Nko ya me e kgona go dupelela go bakiwa ga dikuku kwa phaposi-boapeelong ya ga mama.

Mme jaanong, ke batla go utlwa ditlhaa tsa me di tlhafuna dikuku tseo!

16
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Reetsa mmele wa me
Author - Noni
Translation - Abea Mogope Nkashe
Illustration - Angie and Upesh
Language - Setswana
Level - First sentences