

Go ne go le mosimane yo leina la gagwe e neng e le Abele. O ne a itiretse kariki.
Abele o ne a sena mokgweetsi wa kariki ya gagwe e ntšhwa. A raya kgaitsadie Meri a re, "Ke batlela kariki ya me mokgweetsi. Ka kopo, mphe mpopi wa gago. O ka nna mo kariking."
Mme Meri a re, "Nyaa, ke batla mpopi wa me."
Fa Meri a sa mo letlelele go tsaya mpopi, Abele o ne a galefile thata. A phamola mpopi a be a mo goga.
Meri a goga letsogo le lengwe la mpopi. Abele a goga le Meri a goga. Letsogo la mpopi la kgomoga!
Meri a lela a be a tabogela kwa go mme wa gagwe. "Bona Mama," a rialo, "Abele o gogile letsogo la mpopi wa me la be la kgomoga. O ne a batla mpopi wa me o dule mo kariking ya gagwe e ntšhwa mme nna ke ne ke batla go tshameka ka ona."
Mmagwe a re, "Abele ga a itshwara sentle."
Mme o ne a akanya kamoo a ka rutang morwaawe go se tshware ditshamikisi tsa ga kgaitsadie. O ne a nna le kakanyo nngwe.
O ne a ya kwa tsaleng ya gagwe ya ngaka a mmotsa a re, "Ke batla gore o nthuse tsweetswee."
Ngaka ya araba, "Ke ka go thusa jang, tsala ya me?"
Mme a araba, "Morwaaka Abele o itshwere botlhaswa malatsi a. O kgomotse letsogo la mpopi wa ga kgaitsadie. Ga a tshwanela go dira jalo.
Kamoso ke tla mmolelela gore a tlise mpopi mo go wena gore o busetse letsogo la one gape."
"Tsweetswee o bolelele Abele gore a go duelele tiro ya gago. Ga ana madi, ka jalo, o tla mmolelela gore a phepafatse koloi ya gago e tona e e agang e le lerole," ga rialo mme.
Tsala ya gaagwe ya tshega a be a re, "Ee-ee! Seo se tla nna molemo."
Mme wa ga Abele a boela kwa ntlong ya gagwe. A botsa Abele, "Fa o lwala kgotsa o gobetse o ya kae?"
Abele a araba, "Fa ke lwala kgotsa ke gobetse ke tshwanetse go ya ngakeng."
Mme wa ga Abele a re, "O gobaditse mpopi, jaanong o tshwanetse go o isa ngakeng."
Abele a tsaya mpopi a o isa ngakeng. "Mpopi o gobetse mo go maswe. Mama o mpoleletse gore ke tlise mpopi mo go wena. Ngaka, a o ka mo fa letsogo le lešwa?"
Ngaka ya dumela go tlhokomela mpopi. E ne ya kgona go dira letsogo le lešwa.
Ngaka ya raya Abele ya re, "Mpopi o na le letsogo le lešwa. O tshwanetse go ntuela. O na le bokae?"
Abele a araba, "Ka kopo ngaka, ga ke na madi. Ke ka se kgone go duelela tiro ya gago."
Ngaka ya re, "Go siame! Ga o na madi? Koloi ya me e tona e leswe tota! Phepafatsa koloi ya me, ke ka moo o tla ntuelang ka teng."
Abele a tsaya kgamelo ya metsi le letsela le le phepa. Go mo tshotse nako e telele go phepafatsa koloi eo e e leswe.
Abele a busetsa mpopi kwa go Meri. O ne a kgatlhegile a raya Abele a re, "O kgaitsadiake yo o molemo. Ke a leboga fa o baakantse mpopi wa me."
"Kgaitsadiaka, ke maswabi go galefa le go go utlwisa botlhoko," ga rialo Abele.
Go simolola ka letsatsi leo, Abele ga a ise a tlhola a tsaya sepe sa ga kgaitsadie gape. O ne a leka ka bojotlhe go sa mo galefele.
Abele a gakologelwa sebaka se a se tshotseng go tlhatswa koloi e tona e e leswe. A tsaya tshwetso ya gore go ne go sa thuse ka sepe go galefa le go thuba dilo.

