Dipotso tsa ga Kamo
Jean de Dieu Bavugempore
Rob Owen

Kamo o rata go botsa dipotso. O bone tlwaelo e go tswa mo batsading ba gagwe.

Ba ne ba tlwaetse go mmolelela gore, "Fa o sa botse dipotso o sale monnye, o tla gola go nna mogolo yo o seng kelotlhoko!"

1

Ka letsatsi lengwe, Kamo a botsa morutabana wa gagwe, "Goreng batsadi ba rona ba tlhola ba re raya gore re tlhape diatla pele ga re ja, le fa diatla di lebega di le phepa?"

Barutwana ba phaposi ba rata potso ya gaagwe. Ba ne ba sa rate go tlhapa diatla le e seng.

2

Morutabana a araba, "Ke potso e ntle, Kamo. Le fa diatla tsa rona di lebega di le phepa, di ka tswa di na le ditwatsi mo go tsona."

A tlhalosa, "Ditwatsi di baka malwetsi. Ga re kgone go bona ditwatsi re dirisa fela matlho a rona, re tlhoka sengwe se se nang le maatla a a oketsegileng go bona ditwatsi."

3

Morutabana a tsaya maekerosekoupu go tswa mo khabotong. "Maekerosekoupu ke sediriswa se re se dirisang go bona dilo tse di nnye thata go ka bonwa ka matlho a botho," a rialo.

Morutabana ka bonolo a ngwaya seatla sa ga Kamo ka thupana a be a se phimola mo selaeteng sa maekerosekoupu.

4

Morutabana a baya selaete mo maekerosekoupung ke sone se, seo ba se boneng ka sebontshi.

Le fa gone diatla tsa ga Kamo di ne di sa bontshe leswe, go ne go na le ditwatsi mo go tsona!

5

"Go na le ditwatsi go re dikologa gotlhe, mo dilong tse re di tshwarang mo phaposiborutelong, mabaleng a metshameko kgotsa kwa gae.

Ditwatsi tse di ka re dira gore re lwale thata," ga tsibosa morutabana wa bona.

6

A tswelela, "Go bolaya ditwatsi tse, re tshwanetse go tlhapa diatla ka metsi a a phepa le sesepa, bogolosegolo pele ga go ja.

Gape, fa re lwala, re tshwanetse go tlhapa diatla tsa rona gore re seke ra phasalatsa ditwatsi."

7

Fa a fitlha kwa gae, Kamo o fitlhetse rragwe a dira sediriswa se se kgatlhisang.

"O dira eng?" a botsa. "Se bidiwa 'tlhatloga o tlhape'," rragwe a rialo. "O se dirisa go tlhapa diatla tsa gago morago ga go dirisa ntlwanaboithusetso le pele ga dijo dingwe le dingwe."

8

Kamo o ne a maketse a be a re, "Ee! Morutabana wa rona o re boleletse ka sediriswa se, mme bontsi jwa rona ga re itse go se dirisa. Se dira jang?"

A tshega a be a mmolelela, "Atamela ke tla go bontsha, morwadiaka."

9

"Santlha, palama karolo ya polanka e e mo fatshe," ga rialo rre.

10

"Jaanong moduto wa metsi o tla sekama o be o tshela metsi mo diatleng tsa gago.

Gakologelwa go tlhapa ka sesepa," a bolelela Kamo.

11

Kamo o ne a itumetse a be a re, "Ke ne ke tla itse jang se, fa ke ne ke sa botse dipotso?

Ke nnete gore dipotso di gogela kwa kitsong."

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Dipotso tsa ga Kamo
Author - Jean de Dieu Bavugempore
Translation - Abea Mogope Nkashe
Illustration - Rob Owen
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs