

Nita o akgega a lebisitse tlhogo fa fatshe, moriri wa gagwe o moleele o kgomile fa fatshe.
Ditlhare, tlhaga, sengwe le sengwe se lebega se pitikologile.
Maoto a gagwe, a kaletse mo lefaufaung. Mosimanyana Kabo a atamela.
A re, "Ga ke simolole go go bona fa. O tlhomile ka tlhogo gape! Go reng?"
Maoto a gagwe a leketla ka iketlo mo moweng. O leka go iphitlha ka fa morago ga moriri wa gagwe.
"Go tha-a-a-ta go b-b-ua," a mo raya jalo. "Ke fetogile. Ga ke lekane."
Kabo a mo tsaya ka seatla. O batla go mo thusa go tlhaloganya.
Ba pagama mo lefelong la ga Kabo la go okomela. Go tswa fa godimo fa, ba kgona go bona dilo tse dintsi.
Ba ikhutsa, ka tidimalo ba lebelela bana ba tshameka fano le fale.
Bana ba le ga ba tshwane gotlhe-gotlhe. Neo o kgolokwe.
Maki o na le dikgoto.
Lala o boleele jo bo oketsegileng.
Bambam o tlhaga gape o tshwanetse a be a gololosegile.
Fa Lulu ene a buisa ka setu.
Leba moriri o o tsenwang wa ga Mmoni.
Gape Mpho o rwala digalase gongwe le gongwe.
Gape nna, ke letlalo le marapo fela. Mme wena o wena. Ga o nosi. Motho mongwe le mongwe o batla a makatsa, wa bona. Seo se go dira go tshwana fela jaaka nna.
Lefatshe le, bonnete ke motshameko o le mongwe, o mogolo. Go tshameka re ka se tshwane rotlhe.
Nita o ikutlwa sentle ga a pitikologa jaanong, ditebogo go ditsala tse dintšhwa tseo a di boneng.
Go inamisetsa tlhogo fatshe ga go ise go be go siame. Jaanong o tshameka le mongwe le mongwe.


