Kotlhao
Adelheid Marie Bwire
Melany Pietersen

Ka letsatsi le lengwe mme a reka maungo a a farologaneng.

1

"Re tla fiwa leng maungo?" ra botsa.

"Re tla ja maungo maitsiboa," ga rialo mme.

2

Nkgonne Rahim o megagaru.

O latswitse maungo otlhe. O jele a mantsi thata.

3

"Bona gore Rahim o dirile eng!" ga goeletsa mmotlana.

"Rahim ga a na tsebe ebile o megagaru," ka rialo.

4

Mme o ne a kwatetse Rahim.

5

Le rona re ne re kwatetse Rahim.

Fela Rahim o ne a sa ikwatlhaye.

6

"A o ile go otlhaya Rahim?" ga botsa mmotlana.

7

"Rahim, o tloga o ikwatlhaya," ga kgalema mme.

8

Rahim a simolola go sa ikutlwe sentle.

9

"Mala a me a botlhoko," ga sebaseba Rahim.

10

Mme o ne a itse gore ke eng Rahim a lwala.

"Maungo a otlhaya Rahim," a ithaya jalo.

11

Morago, Rahim a re re mo itshwarele. "Ke ka se tlhole ke nna megagaru gape," a solofetsa.

Re a mo dumela.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Kotlhao
Author - Adelheid Marie Bwire
Translation - Abea Mogope Nkashe
Illustration - Melany Pietersen
Language - Setswana
Level - First sentences