Swinki ya ga Keke
Marion Drew
Marion Drew

Keke a palama mo swinking ya gagwe. O ne a rata swinki ya gagwe. E ne e le swinki e di phalang tsotlhe

1

O ne a ikgorometsa ka bonya. Go ya pele le morago fela jalo . Fa a ntse a ikgarametsa, swinki ya gagwe ya tsamaya ka bonako thata. Go ise go ye kae ke fa a le ko mankalekaleng.

2

Keke a leba fa fatshe. O ne a le ko mankalekaleng. "Heelang" a goeletsa. "Bona gore ke ko mankalekaleng jang"

3

O ne a itumeletse go bo a le ko mankalekaleng. O ne a kgona go bona motse otlhe. O ne a tloga a kgoma dinonyane tse di fofang mo masimong.

4

Morago ga lebakanyana keke a batla go fologa. Swinki e ne e gana go ema. "Ijoo, Ijoo, Ijoo," a goeletsa. "Ga ke itse gore nka emisa jang swinki e!"

5

Swinki ya ya hela jalo ka mokgwa o le mongwe. Godimo le tlase, godimo le tlase. Keke o ne a tshogile. "Swinki e e nkisa kae? ke ka nna ka fofela ngweding. Ke tshwanetse ka fologa!" a lela.

6

Keke a tlogela dithapo tsa swinki. A wela ko tlase, tlase, tlase.

7

"ijoo, Ijoo, Ijoo!" ga goeletsa bananyana ba bangwe. Keke a wela fatshe. A golafala mo tlhogong. "Iiiii, Iiiii, Iiiii,"a lela.

8

Bananyana ba banngwe ba ne ba tshwenyegile thata. Keke o ne a sa itse o ka reng. "Iiii, Iiii, Iiiii,"a lela

9

Bananyana ba bitsa morutabana wa bone. "Mma Mpho, ka tsweetswee tlaya kwano!" ba bitsa. "Keke o wele mo swinking. O golafetse mo tlhogong."

10

Mma Mpho a ragogela kwa swinking. A tsholetsa Keke a bo a mo atla mo tlhogong. Keke a nyenya, "Go botoka jaanong, ga nkitla ke palama swinki e ke le nosi" a bua jalo. "Ga ke sa batla go ya ngweding."

11

"Nako e tlang ke tla swinka le wena, Keke," ga bua jalo Mma Mpho. "Re tlaa ya ngweding mmogo!"

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Swinki ya ga Keke
Author - Marion Drew, Khothatso Ranoosi
Translation - Oteng Nkanokang
Illustration - Marion Drew
Language - Setswana
Level - First paragraphs