

Bogologolo tala, kwa motseng wa Gasehubane kwa Kuruman, go ne go nale lelapa le le sotlhegileng thata la batho ba bararo.
E ne e le Taolo, mmagwe le rragwe.
Rragwe Taolo o ne a tshwenyegile thata. Lelapa la gagwe le ne le bolailwe ke tlala, go sena se seyang maleng.
A tsaya lerumo la gagwe a tsena ka naga a ya go tsoma.
O ne a tshepile go tshwara phologolo nngwe go ka e tlisa gae.
Fa a le mo nageng, rragwe Taolo a simolola go tsamaya ka bonya.
A bona Thutlwa e golegilwe to setlhareng se se tonna.
A inaganela gore, "Fa ke tla tsaya Thutlwa e, lelapa la me le ka robala le jele bosigong jo".
A raya Thutlwa a re, "Monna Thutlwa, a o ka nthusa go kgetlha maungo a a kwa godimo mo setlhareng? Ke tla go golola."
Thutlwa a dumalana.
Rragwe Taolo a kgaola thudi e e tala e e neng e mo golegile mo setlhareng.
"Ke tla itse jang gore ga nkitla o mpolaya?" Thutlwa a mmotsa ka go tshaba, a ragoga.
Thutlwa a gatelela rragwe Taolo ka ditlhakwana, a wela fa fatshe.
Rragwe Taolo a tabogela Thutlwa, a tlolela mogatla wa gagwe.
Go ne go setse go le thari, a jele fatshe.
Rragwe Taolo o ile gae a nyemile mooko, a sa itumela. Lelapa la gagwe le ne le ile go robala ka tlala gape.
O ne a sa itse gore a itire eng.
A ipolelela gore, "Kamoso ke letsatsi, ke tla leka gape."

