Molaetsa wa lehukubu
Tshepiso Mogaswa
Tshepiso Mogaswa

Gatwe e tsile bogologolo ga bo go le magosi a mabedi.

Go na le kgosi ya kwa Borwa le ya kwa Bokone.

1

Magosi a a ne a dirisa phakalane go romelana melaetsa.

2

Ka letsatsi lengwe, kgosi ya kwa Bokone e ne ya romela molaetsa kwa kgosing ya kwa Borwa.

3

Lehukubu o ne a tsaya molaetsa mme a ya kwa go balelapa la gagwe.

Ba ne ba buisa molaetsa o mmogo.

4

Kgosi ya kwa Bokone e ne e bega ntwa kgatlhanong le kgosi ya kwa Borwa.

Balelapa la ga lehukubu ba buisanela kgang e mme ba tsaya tshwetso ya go fetola molaetsa.

5

Lehukubu o ne a fofa le go isa molaetsa o montšha kwa kgosing ya Borwa.

6

Molaetsa o montšha ware: A go rene kagiso fa gare ga rona.

Kgosi a nyenya, mme a kwala molaetsa o tshwanang a o busetsa kwa kgosing ya Bokone.

7

Go fitlha tsatsing le a na, magosi a na le kagiso.

Ga go na ope yo o itseng gore lehukubu o itse go buisa.

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Molaetsa wa lehukubu
Author - Tshepiso Mogaswa
Translation - Tshepiso Mogaswa
Illustration - Tshepiso Mogaswa
Language - Setswana
Level - First sentences