

Bogologolo tala diphologolo tsotlhe di ne di bua.
Mme Monang le Ngwana Monang ba ne ba nna mo ntlong.
Mme Monang o ne a tlhola a tlogela Ngwana Monang mo ntlong fa ene a ya go batla dijo ntlong.
Ka letsatsi lengwe, Ngwana Monang a re, "Nte ke ye kwa ntle ke ye go bona gore go diragala eng."
Mme Monang a boa mme a fitlhela ntlo e le lolea.
A fitlhela ngwana a se yo.
A tsielega, a tshoga, a tlhakana tlhogo mme a loga leano la go ya go mmatla.
Mme pele Mme Monang a fofela kwa ntle go ya go mmatla, Ngwana Monang a fitlha fa gae a fofa.
A re, "Mme! Mme! Ke ne ke ile kwa ntle mme ke bone batho ba bantsi mme ba ne ba intumeletse fa ke feta."
"A o a re ba go itumeletse!"
"Eya Mme, ba ne ba nkopela legofi ka dinako tsotlhe fa ke feta."
"Nnyaa ngwanaka! Batho ga ba utlwane le menang. Ba ne ba batla go go bolaya.
Fa e le motho o mo tshabele setlhareng sa mmitlwa."

