Nkgonne o a lwala
Lerato Tsotetsi
Lerato Tsotetsi

Leina la nkgonne ke Resego. O mogolo mo go nna ka dingwaga dile tharo.

1

Resego o nthusa go apara diaparo tsa sekolo mo mosong. O tsamaya le nna go ya sekolong ka letsatsi le letsatsi.

2

Mme gompieno, nkgonne ga a ikutlwe monate.
Resego o a lwala!
Ke ile go dira jang?

3

Mo tseleng go ya sekolong ke ne ka kopana le Tumi mme ra tsamaya mmogo. Se se ne sa dira gore ke ikutlwe botokanyana.

4

Kwa sekolong, morutabana o ne a nkopelela pina.
Se, se ne sa dira gore ke itumele.

5

Ka nako ya go tshameka, Boipelo o tshameka le nna.

Se, se dira gore ke ikutlwe ke itumetse tota.

6

Ke nako ya go ya gae.
Ke nneile le letsatsi le le monate.

7

Go tla intumedisa thata fa ke tlotlela nkgonne ka letsatsi lame.

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Nkgonne o a lwala
Author - Lerato Tsotetsi
Translation - Lerato Tsotetsi
Illustration - Lerato Tsotetsi
Language - Setswana
Level - First sentences