

Yo ke Katse.
Yo ke Ntšwa.
Katse le Ntšwa ba batla go taka. Katse le Ntšwa ba batla go penta. Katse le Ntšwa ba batla go dira tsa botaki.
Ntšwa o a simolola. O tsaya phensele mme o tsaya pampiri. Pampiri ke ya matlhakore a le mane.
Katse o simolola ka go taka kgolokwe. Kgolokwe ke mmele wa Katse.
Ijoo, se se botlhofo!
Jaanong o taka dikhutlotharo tse pedi mo godimo ga kgolokwe. Dikhutlotharo tse pedi ke ditsebe tsa Katse mme o taka kutlhotharo e le nngwe mo kgolokweng.
Kgolokwe e ntsho ke nko ya Katse mme o taka mola mo godimo ga nko.
Jaanong o taka matlho le dintshi tsa Katse.
Dikatse ke dikhutlo tse pedi.
Dintshi ke mela e mebedi.
Ijoo, se se botlhofo!
Jaanong o taka molomo wa Katse.
Molomo ke mola.
O lebega jaaka tlhaka ya 'w' mme o taka morir wa Katse.
Ditedu tse tharo mo molemeng le ditedu tse tharo mo mojeng.
Go taka go tloga go fela.
O taka matsogo le maoto a Katse.
Matsogo le maoto a Katse ke mela mme o taka monwana wa leoto.
Menwana ya maoto ke dikgolokwe mme o taka mogatla wa Katse.
Mogatla ke mola o motelele.
Kwa bokhutlong o taka ditselana mo mmeleng wa Katse mme o penta mmele otlhe ka mmala wa namune.
Go taka go fedile.
Ijoo, bontle jo bo kana!
Jaanong ke nako ya ga Katse.
O tsaya phensele mme o tsaya pampiri.
Pampiri ke khutlotharo.
Katse o simolola ka go taka kgolokwe.
Kgolokwe ke mmele wa Ntšwa.
Ijoo, go gontle!
Jaanong o taka dipopego tse pedi mo godimo ga kgolokwe.
Dipopego tse pedi ke ditsebe tsa Ntšwa mme o taka khutlo e ntsho mo kgolokweng.
Khutlo e ntsho ke nko ya Ntšwa mme o taka mola mo godimo ga nko.
Jaanong o taka matlho le dintshi tsa ntšwa.
Matlho ke dikhutlo tse pedi.
Dintshi ke mela e mebedi.
Ijoo, se se siame thata!
Jaanong o taka molomo wa Ntšwa.
Molomo ke mola.
Popego gape ke tlhaka ya 'w' mme o taka dikhutlo go dikologa molomo wa Ntšwa.
Thse tharo mo molemeng le tse tharo mo mojeng.
Setshwantsho se tloga se fela.
O taka matsogo le maoto a Ntšwa.
Matsogo le maoto ke mela mme o taka monwana wa maoto wa Ntšwa.
Menwana ya maoto ke dikgolokwe mme o taka mogatla wa Ntšwa. Mogatla o tshwana le tšheše.
Kwa bokhutlong o taka dikgolokwe tse dintsho mo mmeleng wa Ntšwa mme o penta mmele ka mmala wa serolwana.
Jaanong setshwantsho se fedile.
Ijoo, se se sentle!
Sala sentle Katse.
Sala sentle setshwantsho sa Katse.
Sala sentle Ntšwa.
Sala sentle setshwantsho sa Ntšwa.

