

E setse e le nako ya go ja kwa sekolong potlana sa Thuto-Boswa. Boramabenkele ba babedi ba kwa sekolong ba ipaakenyetsa go rekisetsa barutwana ba ba tshwerweng ke tlala dijo.
Rre Motaung o setse a kgaogantse marotho ka bogare ebile a ntshitse mateng a ona. Ditšhipsi di a gadikega mo molelong ebile di tloga di butswa monate, di gautsega ka mmala wa tsona wa gauta. Rre Motaung o tshela leswana la atchar e mosadi wa gagwe a e dirileng kwa gae mo kotareng e nngwe le e nngwe ya borotho. O rata go ikgantsa gore ena dikotara tsa gagwe di nale atchar mo gare le mo godimo!
Kwa lebenkeleng la ga Rre Mkhize le gona ditšhipsi di tloga di butswa, mme o setse a kgaoganya borotho jwa gagwe ka dikotara. O a tlhobaela, dilo ga di tsamae sentle mo lebenkeleng la gagwe. "Go tshimolotse sentle," ga nagana Rre Mkhize. "Mme fela jaanong ke bona bareki ba me ba fokotsega. Legale ke boloka madi ka go kgaoganya borotho bo go dira dikotara tse tlhano."
Jabu le Zodwa ba reka dijo. Zodwa o reka kwa lebenkeleng la ga Rre Mkhize. Jabu o reka kwa go Rre Motaung. O dumela gore kwatara ya kwa ga Rre Motaung e nale ditšhipsi tse dintsi le atchar go feta ya kwa ga Rre Mkhize.
Mola wa kwa lebenkeleng la ga Rre Motaung ka metlha o motelele. Zodwa o emetse Jabu. Jaanong ditsala di dutse mmogo mo tlase ga moriti go itumelela dikotara tsa bona.
Zodwa o lemoga sengwe se se dirang gore a lebelele thata ebile a goge sefatlhego. "O lebeletse eng?" ga botsa Jabu. "Kotara ya gago! E feta ya me ka bogolo!" Ga goa Zodwa.
Ka bobedi ba lebelela dikotara tsa bona ka bogaufi. Go jalo, ya ga Jabu e kgolwane. "Go nale sengwe se se sa siamang mo," ga rialo Zodwa. "Ke a ipotsa gore a se ke sone se dirang gore lebenkele la ga Rre Mkhize le sa tlhole le tlala jaaka pele." "Nna ka gale ke reka kwa go Rre Motaung ka gonne dijo tsa gagwe di monate. Mme gape ke utlwile barutwana ba bangwe ba re ba bone Rre Mkhize a kgaoganya loufu e le nngwe ka dikotara tse tlhano!"
Nomsa o ne a ntse a reeditse Jabu le Zodwa ba bua mme o ne a na le kgatlhego. A botsa gore a go nale bothata go kgaoganya loufu e le nngwe ka dikotara tse tlhano. Zodwa le Jabu ba araba mmogo, "Kotara ke dikotara tse nne tsa loufu!" Nomsa o ne a lebega a setse a sa tlhaloganye, ka jalo Zodwa a tlhalosa, "Se se raya gore loufu ya borotho e kgaoganngwa ka manathwana a a lekanang a le mane. Go feta moo, ga e sa tlhole e le dikotara."
Nomsa o ne a sa itumela ka gonne le ene o reka kwa lebenkeleng la ga Rre Mkhize. "Se se raya gore o utswa borotho mo go rona!" a rialo ka lentswe le le kwa godimo. Zodwa le ene ga a itumela mme a swetsa go boela kwa lebenkeleng la ga Rre Mkhize go ya go ngongorega. A tswa a šakgetse, a tsholeleditse kotara ya gagwe kwa godimo. Nomsa a tla a taboga mo morago ga gagwe. Jabu o ne a lebelela kotara ya gagwe ka tlhoafalo, a kgwa moya, mme a ema go sala ditsala tsa gagwe morago.
Rre Mkhize o ile a nyema mooko fa a bona gore bana ba ga ise bareki ba bašwa. "Oh, dumelang gape bana," a buela kwa tlase, "nka lo thusa ka eng?"
"Rre Mkhize, ke go kopile kotara ebile ke go duetse madi a kotara. Mme fela se ga ise kotara," Zodwa a bua a supa kotara ya gagwe. "Ke batla kotara ya ka e feletse kgotsa o buse madi a me," a tlatsa a tiisitse.
"A ke nnete Rre Mkhize? O ntse o re tsietsa nako e yotlhe!" Nomsa a goelela. Barutwana ba bangwe ba ne ba ba setse morago go ya lebenkelelng mme ba reeditse ditatotafatso tse di bogale tse. Rre Mkhize a latlhela matsogo a gagwe mo moyeng. "Lo bua jang ka nna?" A ngongorega. "Ga ke a nna jalo! Ke batla lo tswe ka lebenkele la me gona jaanong!"
Zodwa a buela kwa tlase a re, "Re tla bolelela mongwe le mongwe se o se dirang. Se se tla gasagana jaaka molelo wa naga mo sekolong mme o tla tshwanelwa ke go tswala lebenkele la gago. Ga go motho yo o tla tlang go reka mo go wena!" Rre Mkhize o ile a lebelela bana ba bararo ba ba šakgetseng ba eme mo pele ga gagwe. Mme a lebelela bontsi-ntsi jo bo golang mo pele ga lebenkele la gagwe.
"Go siame", a ineela, "Ke tla go fa madi a gago otlhe." "Tshepisa gore o tla kgaoganya loufu ya borotho ka dikotara tse nne go dira dikotara tsa gago," Jabu a bua. Rre Mkhize a tshepisa gore o tla dira jalo. A buela kwa godimo a re, "Gape ke tlile go oketsa atchar le ditšhipsi mo dikotareng tsa me."
Fela jaaka a tshepisitse, Rre Mkhize a tshimolola go oketsa ditšhipsi le atchar mo dikotareng. Barutwana ba bantsi ba tshimolola go reka mo go ene, lebenkele la gagwe la tshimolola go tlala gape. O ne ebile a kgona go thapa mothusi.
Jaanong go nale kgaisano e e tlhokegang magareng ga Rre Mkhize le Rre Motaung, batho botlhe ba itumetse.

