Refiloe le dikoko tsa gagwe
Marion Drew
Wiehan de Jager

E ne e le lenyalo la ntlha go diragala mo lelapeng la ga Tenane. Refiloe ga a ise a tsamae a itumele jaana! 'Ke ya go nna morweetsana wa ga Palesa. Ke tla be ke apere mosese le ditlhako tse dintswha!' A rialo go dikoko tsa gagwe. Refiloe to ne a bua le dikoko tsa gagwe ka metlha. Dikoko tse o ne a di fiwa ke rragwe ka letsatsi la gagwe la matsalo, mme Refiloe o ne a di rata thata.

1

'Refiloe, tlosa dikoko tsa gago tse di leswe fa, ga ke batle go di bona gaufi le tente ya lenyalo', ga goeletsa mmagwe.

2

'Tlogang fa lona, ga ke batle lo jewa ko lenyalong la ga Palesa, ga bua Refiloe a koba dikoko tsa gagwe mo tenteng.

3
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Refiloe le dikoko tsa gagwe
Author - Marion Drew
Translation - Lorato Trok
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - Read aloud