Mosidi Le Diphiri
Sarah Nangobi
Wiehan de Jager

Mo motsaneng wa Maropeng go ne go le mosetsana a bidiwa Mosidi. O ne a dula le batsadi ba gagwe. Ka letsatsi lengwe mmagwe o ne a mo roma gore a ye go ga metsi kwa nokeng.

1

Mo tselelng o ile a kopana le ditsala tsa gagwe. Ba ne ba ya kgonnyeng kwa sekgweng. Mosidi o ne a batla go tsamaya le bone. "Ke kopa lo nkemele mo tlase ga mokala o tswee-tswee "a rialo, "Ke tshwanetse ke ye go tlela mme ka metsi." Mme fela ditsala tsa gagwe di ne di sa dumele.

2

"Go siame, ke tla lo latela kwa sekgweng!" ga rialo Mosidi. O ne a itlhaganelela go ya go ga metsi mme a a isa gae kwa go mmagwe. Morago ga moo a ya kwa sekgweng go ya go batlana le ditsala tsa gagwe.

3

O ne a sala morago tsela e e yang kwa molapong. Mo letlhakoreng le lengwe la molapo go ne go na le ditselana tse dintsing tse di neng di labile dintlha tsotlhe. "Ke tsela e feng e ditsala tsa ka di tsamaileng ka yonaWhich?" a ipotsa.

4

O ne a tlhopa tsela e kgolo mme a tsamaya nako e telele tota ntle le go bona ditsala tsa gagwe. O ne a lapile thata mo e riling a dutse mo tlase ga setlhare go ikhutsa, a tlelwa ke boroko.

5

Fa Mosidi a phaphama, go ne ne go fifetse. Imo lefifing leo, go ne go bonala matlho a a serolwana a phatsima. O ne a dikanyeditswe ke bophiri! O ne a tshogile thata ebile a sa kgone le go goa. O ne a leka go tshaba, mme bophiri ba ne ba tshwere ke tlala mme ba mo dikologa.

6

"Don't move", said the gruff voice of the biggest hyena. "If you run, we'll eat you!" "Please let me go home!" Mulongo pleaded. "O seka wa leka wa suta", ga utlwala lentswe le le magwasipa la phire e kgolo go di feta. "Fa o ka tshaba, re tlile go go ja!" "Ntlogeleng ke ye gae tswee-tswee!" Mosidi a kopa.

7

Mme bogolo bophiri ba ile ba tsaya Mosidi ba mo isa kwa ntlong ya bona kwa sekgweng- ntlo e e leswe e e tletseng marapo le dintshi. Mosidi o ne a rapalala mo fatshe a itira ekete o robetse.

8

Mo lefifing, o ne a utlwa bphiri ba buisana. "Go isega jang ka molelo?" ga botsa nngwe ya diphiri. "A metsi a a bela? "Sengwe le sengwe se siame" ya nna karabo. "A nka mo tlisa?" "Mo tlise, mo tlise!" ga goelela bophiri ba bangwe. "Re tshwere ke tlala!" Ba ne ba eme ka matšaro go ya go mo ntsha kwa ntlong."

9

Mme phire e kgolo ya ba emisa ya re, "Bophiri, letang. Gakologelwang molao wa mo motseng. Ga go phiri e e tshwanetseng go ja e le yosi – re tshwanetse go laletsa diphiri tsotlhe go kgaogana dijo tse le rona." "Ke tla go bitsa ba bogadi," ga bua mosadi wa gagwe. "A nna ke ye go bitsw bo motswala," ga bua phiri e nnye. "Nna ke tla ya go tsaya bomorwarre," ga bua e nngwe. "Nna ke tla sala fa le dijo tsa rona," ga bua phiri e kgolo.

10

Phire e kgolo e ne ya dula mo pele ga mojako fa tse dingwe di tswa di ya matlhakoreng otlhe. Bophiri ba bangwe ba ba ile ba tsamaya nako e telele, mme phiri e kgolo ya tshwarwa ke boroko. E ne e dutse mo pele ga molelo o o monate mme ya simolola go gona. Se e ne e le nako ya ga Mosidi! Mme jaanong o ne a ya go feta jang mo pele ga phiri e? E ne e le kgolo thata ebile e tletse ka mojako otlhe.

11

Go ne go le tsela e le nngwe fela. O ne a tlolela kwa godimo go feta mokwatla wa phiri mme a taboga ka lebelo le le makatsang.

12

Moragonyana fela bophiri ba bangwe ba goroga, mme ba lemoga se se diragetseng. Ba ile ba taboga mo morago ga Mosidi, ba goeletsa ka kgakalo le go nyema mooko. Mme go ne go le thari.

13

Fa a goroga kwa motseng, mongwe wa baagi a mmona mme a goeletsa, "Mosidi, Mosidi o a tla, Mosidi o a tla." Batsadi ba gagwe ba ile ba tabogela kwa go ena ba mo atla, ba leboga Modimo go mo sireletsa. "Mosidi, Mosidi, re ne re nagana gore o sule!"

14

Go tloga ka letsatsi leo, Mosidi le ditsala tsa gagwe ba se tlhole ba ya kwa sekgweng ka bobona.

15
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Mosidi Le Diphiri
Author - Sarah Nangobi
Translation - Lorato Trok
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - First paragraphs