Anansi Le Khudu
Ghanaian folktale
Wiehan de Jager

Go ne go na le segokgo sengwe se bidiwa Anansi. Ka letsatsi lengwe Anansi o ne a ya go kotula dipotata kwa tshimong ya gagwe. Di ne di botswile sentle ebile di le monate. O ne a di besa mo molelong ka tlhoafalo mme a nna fa fatshe go di ja.

1

Erile fela a re o a ja, a utlwa go kokotiwa mo mojakong wa gagwe. "Ao tlhe!" E ka be e le mang oo?" fela o ne a ya go bula mojako. Erile fa a bula a kgatlhana le Khudu, a lebega a lapile. "Ke kopa go tsena Anansi. Ke tsamaile nako e telele gompieno, ke lapile thata ebile ke tshwere ke tlala", ga rialo Khudu. Anansi o ne a tla dira eng fa e se fela go bulela Khudu?"

2

Mme fela Anansi o ne a le megabaru go kgaoganya dipotata tsa gagwe tse di monate le Khudu. O ne a tla ka leano le le maswe. Erile fa khudu a re o dula mo fatshe go ja dipotata, Anansi o ne a mo goelela a re, "matsogo a gago a leswe Khudu! O ka se je ka matsogo a ao! Tsamaya o ye go a tlhapa." Tota matsogo a ga Khudu a ne a le leswe ka gonne o ne a tsamaya ka one letsatsi lotlhe. Khudu o ne a tswela kwa ntle go ya go tlhapa matsogo kwa nokeng, a ngongoela ka iketlo go boela kwa tafoleng ya dijo.

3

Ka nako eo, Anansi ene o ne a tsweletse go ja dipotata. Erile fa Khudu a boela kwa tafoleng, a lemoga gore ga go a sala le fa e le potato e le nngwe. Khudu o ile a lebelela Anansi ka pelo e e botlhoko mme a re, "ke lebogela taletso ya dijo. Fa ka letsatsi lengwe o le gaufi le ntlo ya me, o tsene le wena o tle go ja le nna." Khudu o ne a tswa a itsamaela ka pelo e e botlhoko.

4

Fa nako e ntse e tsamaya, Anansi a nagana ka taletso ya ga khudu. Ka letsatsi lengwe a tswa a ya kwa ga Khudu. Anansi o ile a goroga kwa ga khudu fela fa Khudu a ipaakanyetsa go ja. Khudu o ne a ikadile mo letsatsi fela jaaka e le tlwaelo ya bokhudu. Erile fa Khudu a bona Anansi a re, dumela Anansi, a o tlile go ja le nna?" "Ee, seo se ka itumedisa", ga rialo Anansi. Ka nako eo Anansi o ne a tshwere ke tlala thata."

5

Khudu o ne a itatlhela kwa boteng jwa noka go baakanya tafole ya dijo. Anansi o ne a mo emetse mo thoko ga noka. Morago ga sebakanyana Khudu a thumela kwa ntle mme a re, "Heela Anansi! Tsotlhe di siame jaanong. Tla o tle go ja le nna." Khudu o ile a itatlhela gape mo metsing mme a a tshimolola go ja matlhare a matala a a rokotsang mathe.

6

Anansi o ile a leka go itatlhela kwa boteng jwa noka. Mme ka gonne segokgo ga se kgone go thuma, Anansi o ne a sa kgone go fitlhelela kwa boteng jwa noka. O ne a felela fela mo godimo ga metsi gangwe le gape. O ne a leka go itatlhela mo metsing, a leka go ya kwa boteng jwa metsi, mme go se sepe se se thusang. O ne a sa kgone gotlhelele go fitlhela boteng jwa metsi.

7

Kwa bofelong Anansi a nna le kakanyo. O ne a tsenya ditena mo dikgetsing tsa jase ya gagwe mme a nna boima gore a be a fitlhe kwa boteng jwa noka. A botlhale jo bo kana! Jaanong o ne a kgona go bona tafole ya ga Khudu, e tletse ka matlhare a matala a a rokotsang mathe le dijo tse dingwe tse di monate. Anansi o ne a tswa pelo.

8

Erile fela fa Anansi a leka go fitlhelela dijo tseo, Khudu a mo kgalema: "Anansi, ga ke dumele gore o batla go ja dijo o apere jase? Ga ise ka mokgwa o re dirang dilo ka teng mo ga ka." Kwa ntle ga go nagana Anansi a re, "O bua nnete Khudu! Ke ne ke nagana eng?" mme a apola jase ya gagwe.

9

Mme kwa ntle ga ditena tsa gagwe, Anansi o ne a le bofefo mme a boela kwa godimo ga metsi, mme a wela kwa ntle ga metsi. Ka kutlobotlhoko Anansi o ile a tsenya tlhogo ya gagwe mo metsing mme a lebelela Khudu a ja dijo tsa gagwe tse di monate tsotlhe.

10
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Anansi Le Khudu
Author - Ghanaian folktale
Translation - Lorato Trok
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs