Diphologolo di a tshaba
Cissy Kiwanuka Luyiga
Magriet Brink

Mosadimogolo o ne a na le dikgogo le mokoko o mogolo.

1

Setlogolo sa gagwe sa mosimane se ne sa mo etela.

O ne a swetsa go bolaya mokoko o mogolo.

2

Mokoko o mogolo wa tshabela kwa toropong e kgolo.

3

Mokoko wa kopana le katse e katse e e neng e tshaba go tswa kwa go mong wa yone.

4

Mokoko le katse tsa kopana le ntša e le yone e neng e tshaba.

5

Di ne tsa kopana le pitse e le yone e neng e tshaba.

6

Diphologolo di ne tsa goroga fa lapeng.

Di ne tsa bona magodu mo ntlong!

7

Diphologolo di ne tsa opelela kwa godimo go tshosa magodu.

8

Di ne tsa ja dijo tse di mo ntlong.

9

Magodu a ne a boa moragonyana.

Diphologolo tsa ba tlhasela.

10

Magodu a siela ruri.

11

Diphologolo di ne tsa nna mo ntlong ka kagiso.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Diphologolo di a tshaba
Author - Cissy Kiwanuka Luyiga
Translation - Batsile Lelliott
Illustration - Magriet Brink
Language - Setswana
Level - First sentences