Moloi o fetoga kgosigadi
Prudence Molwantwa
Lerato Khuzwayo

Bogologolo-tala go ne go nale monna a dula a le esi mo sekgweng. O ne a swetswe ke bana le mosadi.

1

Tlala e ne ya dira gore a simolole go ja batho. Batho ba metse e e gaufi le sekgwa ba ne ba mo tshaba thata. Ba ne ba netefatsa gore ga ba tsamaele gaufi le sekgwa se.

2

Ka letsatsi lengwe monna o, o ne a bona mosadi a feta gaufi le sekgwa. O ile a tswa mo sekgweng go ya go mo dumedisa. Mosadi yo o ne a kobilwe kwa motseng ke kgosi ya motse ka gonne e ne e le moloi. Ka bomadimabe monna o ne a sa itse.

3

Monna o ne a rata mosadi o. O ne a mo kopa gore a nne le ena mo sekgweng. O ne a itumelela go nna le mosadi gape, mme fela keletso ya gagwe ya go ja batho e ne e ntse e le teng.

4

Moso mongwe, mosadi o ne a direla monna mogodungwana. Mme fela go ne go le sengwe se se farologaneng ka mogodungwana o. O ne o le bohibidu jo bo makatsang.

“Ke eng fa mogudungwana o o le mohibidu jaana?” monna a botsa.

“O tlile go go tiisa ebile o tla dira gore o se bonale. O tla kgona go tsamaya gongwe le gongwe mme go se motho yo o go bonang,” ga bua mosadi.

5

Monna o ne a itumela ka ntlha ya gore se se tla mo kgontsa go tswelela go ja batho a sa boniwe ke ope. O ne a nwa mogodungwana mme a ipoeletsa gangwe le gape. Mosadi ena o ne a itumelela go mo fa ka moo a batlang.

Erile fa a fetsa go nwa mogodungwana, monna o ne a wela mo fatshe mme a swa. Mosadi wa moloi o ne a kaya setopo sa monna ka legong la gagwe la metlholo mme sa nyelela.

6

Mosadi wa moloi o ne a iphetola go nna mosadi o montle thata. O ne a boela gape kwa motseng wa gagwe.

7

O ile a nyalwa ke kgosi e e neng e mo kobile mo motseng. O ne a nna kgosigadi e e rategang mo motseng.

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Moloi o fetoga kgosigadi
Author - Prudence Molwantwa
Translation - Lorato Trok
Illustration - Lerato Khuzwayo
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs