

Segwagwa le Noga ke ditsala.
Segwagwa a re, “Tsamaya le nna go ya go etela mme.â€
“Ke a leboga." Noga a rialo. “Ke mang yo o tla lebelelang matlo a rona?â€
“Ke tla lebelela matlo a lona.†Ga rialo Tshwene.
Segwagwa o ne a tseela mmagwe ditshoswane tse di tshweu.
Segwagwa le Noga ba ne ba tsamaya ka masa. Ba tsena mo sekgweng.
Ba ne ba kopana le setlhopa sa bo moshe. Noga o a tshaba.
Segwagwa o sireletsa tsala ya gagwe.
Ba tshwerwe ke tlala fa ba fitlha kwa ntlong ya ga Mme.
Ba ile ba tlhapa matsogo mme ba ipaakanyetsa go ja.
“Noga, ke kopa a dule sentle,“ ga rialo Segwagwa.
Noga o ne a leka go dula sentle, mme fela ga ise segwagwa.
"Ga ke kgone go dula sentle jaaka segwagwa", Noga a rialo.
Segwagwa o ne a sa batle go utlwa.
“Ga o ntlhaloganye. Nna ke ya gae.â€
Noga o tenegile. “Ke ne ke gopola gore Segwagwa ke tsala ya me.â€

