Segokgo se se botswa
Ghanaian folktale
Wiehan de Jager

Anansi ke segokgo se se botswa.

1

O rata dijo, fela o botswa go apaya.

2

Anansi o etela Mmutla mme o mo kopa merogo.

3

"Ee. Nthusa ka go fudua," ga rialo Mmutla. Mme fela Anansi o botswa.

4

"Ke tla boa nako e e tlang," ga rialo Anansi.

5

Anansi o ne a bofelela bobi mo leotong la gagwe le la pitsa ya ga Mmutla.

6

"Goga bobi fa merogo e botswile," ga rialo Anansi.

7

"Ditshwene, a nka ja dinawa le lona?" "Ee. Re thuse ka go segelela."

8

"Ke tla boa nako e e tlang," ga rialo Anansi. A tswelela go bofelela bobi.

9

"Kolobe ya naga, a nka ja le wena matapole?" "Ee. Nthuse go apaya."

10

"Ke tla boa gape," ga rialo Anansi. A tswelela go bofa bobi.

11

Ka nakwana, ke fa maoto otlhe a a robedi a ga Anansi a bofelegile mo dipitseng.

12

Anansi a utlwa leoto la bobedi le gogega.   Le la boraro.

13

Maoto otlhe a le robedi a a gogega! "Tlogelang go goga!"  Anansi a lela.

14

Ga gona ope yo o utlwang Anansi a lela. Bobi jwa robega ka bongwe ka bongwe.

15

Maoto a ga Anansi a gogega thata! Ke ka jalo digokgo tsotlhe di naleng maoto a matelele a masesane.

16
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Segokgo se se botswa
Author - Ghanaian folktale
Translation - Lorato Trok
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - First words