

Go ne go sena dipula. Lefatshe le ne le omeletse.
Tshwene e e ne ya tsamaya go ya go batla metsi le dijo.
E ne ya feta dithaba le melapo.
E ne ya fitlha kwa lefelong le le bidiwang Tsaoge.
Tshwene e ne e itumetse thata mo lefelong le.
E ne ya ja maungo mme ya nona. Fela e ne e gopotse ditsala tsa yona.
Jaanong Tshwene ya tsamaya tsela e telele go boela gae.
Ditshwene tse dingwe di ne tsa itumelela go mmona.
"Le kae lefelo le la maungo a makana?"
"Ke tla lo isa kwa teng," ga rialo Tshwene.
Ditshwene tse dingwe di ne di rata Tsaoge. Ba ne ba tsaya tshwetso ya go nna baagi ba moo.
Fela ditshwene tsa Tsaoge di ne di tshwenyegile.
"Ditshwene tse dišwa di tlile go fetsa maungo a tsona."
Ditshwene tsa Tsaoge di ile tsa tlhasela ditshwene tse dintšhwa.
"Ntwa ke ya eng?" ga botsa tshwene e kgolo. "Go na le maungo a mantsi go re lekana rotlhe!"
Se e ne e le nnete. Jaanong ditshwene di ne tsa nna tse tshotlhe ka kagiso.

