Tshwene le Kwena
Mulualem Daba
Abraham Muzee

Tshwene o kopana le Kwena kwa nokeng.

1

"O dula kae", ga botsa Tshwene. "Mo nokeng," Kwena a araba.

2

"Wena o dula kae?" Kwena a botsa. "Mo ditlhareng," Tshwene a araba.

3

"A o kgona go thuma?" Kwena a botsa.

4

"Ga ke kgone go thuma," ga bua Tshwene. "Nka go ruta."

5

"Re ditsala. O seke wa tshoga," ga rialo Kwena.

6

"Tshwene, malome wa me o a lwala. O tlhoka go ja nama," ga rialo Kwena.

7

Thswene o tshogile thata. A Kwena o tlile go mo ja?

8

Tshwene o batla go tshaba.

9

Tshwene o nale leano.

10

"Ke tla go fa pelo ya me gore o mo fe yona," Tshwene a tshepisa.

11

"Pelo ya me e setse kwa setlhareng," ga bua Tshwene.

12

"A o tla ya go tsaya pelo ya gago?" Kwena a. "Ee," ga bua Tshwene.

13

Kwena o ne a thumela morago kwa lefatsheng. Tshwene o ne a tabogela kwa ditlhareng.

14

"Ga o tsala ya me. O buile maaka!" ga rialo Kwena.

15

"Ga re ditsala. O batla go nja!" Tshwene a rialo.

16
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Tshwene le Kwena
Author - Mulualem Daba
Translation - Lorato Trok
Illustration - Abraham Muzee
Language - Setswana
Level - First words