

Lebo o rata dimpopo. Mme o mo rekela tse dintsi. Di thusa go tlosa bodutu jwa gagwe. Mpopo o Lebo a o ratang thata ke Lele. Lebo o batla go nna mooki fa a gola.
O rata go apara sekete sa ga mme, a be a dikologa. Jaaka mejiki, ka ponyo ya leitlho a fetoga mooki Lebo. O tshameka motshameko wa sepetlele mme o fodisa Lele le dimpopo tsa gagwe tsotlhe.
Gongwe le gongwe kwa Lebo a leng, Lele le ena o gona.
Fela ditsala tsa ga Lebo ga di rate Lele. Ka letsatsi lengwe, ba ile ba mo tsaya mme ba mo tsenya ka tlhogo mo ntlwaneng.
Fa rre a fitlha kwa gae, Lebo one a oka Lele. "O dira eng?" Rre a botsa. "Ke nna mooki," Lebo a araba. "A o tla tshameka le nna?" "Ee. Fela re tla ya kwa lebaleng go ya go tshameka kgwele ya maoto," Rre a rialo.
Ditsala tsa gagwe di ile tsa bona Lebo a le Rre ba tshameka kgwele ya dinao. Ba ile ba tla go tshameka le bona. Jaanong Lebo le Rre ba tshameka kgwele ya dinao. Fela ga ise ba tshameke ka dimpopo.
Ka letsatsi lengwe Lebo o ne a tshameka motshameko wa sepetlele le dimpopo tsa gagwe. O ne a utlwa Mme a goa. "Lebo! Taboga! Rre o go emetse kwa lebaleng gore lo tshameke."
"Ke goreng o apere mosese?" Rre a rialo ka lentswe le le galefileng. Ka yona nako eng kgwele e ne ya wela mo pele ga bona mme.
Ya digela Rre mo fatshe. Batho ba ne ba gamaregile. Ntle le Lebo. O ne a khunama mme a bofelela kobo ya gagwe mo tlhogong ya ga Rre e e dutlang madi. "Bitsang embulense!" a goelela.
"Tlhogo ya gagwe e tlhoka go rokiwa. O dirile selo se se siameng," ga bua mooki. Lebo o ne a le motlolo.
"O mogaka. O tla nna ngaka e e botlhale ka letsatsi le lengwe." "Fela ke batla go nna mooki jaaka wena," ga rialo Lebo.
Ke a leboga, Mooki Lebo," ga rialo Rre. Jaanong Lebo le Rre ba tshameka motshameko wa sepetlele le kgwele ya dinao, le ditsala tsa ga Lebo."


