

Mmutla o ne a robetse mo tlase ga setlhare sa diapole. Apole e ne ya wela mo fatshe go tswa mo kalaneng.
Lentswe le ne la re, "Taboga Mmutla taboga!" O ne a tsoga ka bonako mme a taboga ka lebelo le le makatsang.
O ne a kopana le Koko. "O tabogela eng? Ga botsa Koko. Mmutla a araba, "Ga ke itse. Ke utlwile fela sengwe se wela mo fatshe mme lentswe le re, 'Taboga Mmutla, taboga!'
Koko o ne a tshogile. Le ena o ne a simolola go taboga fa a utlwa se Mmutla a se buang.
Ba ne ba kopana le ntšwa. Ntšwa o ne a botsa, "Lo tabogela eng?" Koko a re, "Ga ke itse. Ke utlwile fela se mmutla a se buileng, le ene ga a itse. O utlwile sengwe se wela mo fatshe le lentswe le re, 'Taboga Mmutla, taboga!'"
Ntšwa o ne a makaditswe ke se a se utlwang. Le ena o ne a simolola go taboga le Mmutla le Koko.
Ba ile ba kopana le Pitse. Pitse ya botsa Ntšwa, "Lo tabogela eng?" Ntšwa a re, "Ga ke itse. Ke utlwile fela se koko a se buileng, mme le ene ga a itse. O utlwile se mmutla a se buileng mme le ene ga a itse. O utlwile sengwe se wela mo fatshe le lentswe le re, 'Taboga Mmutla, taboga!'"
Pitse ya simolola go taboga le bona.
Ba ne ba kopana le Tonki. Tonki ya botsa, "Lo tabogela eng?" Pitse a araba, "Ga ke itse. Ke utlwile fela se Ntšwa a se buileng, mme le ene ga a itse. O utlwile se Koko a se buileng mme le ena ga a itse. O utlwile se Mmutla a se buileng mme Mmutla le ene ga a itse. O utlwile sengwe se wela mo fatshe le lentswe le re, 'Taboga Mmutla, taboga!'"
Jaanong Tonki le ene a simolola go taboga.
Ba ne ba kopana le Kgomo. Kgomo e ne ya botsa, "Lo tabogela eng?" Tonki ya araba, "Ga ke itse. Ke utlwile fela se Pitse a se buileng, mme le ene ga a itse. O utlwile se Ntšwa a se buileng, mme le ene ga a itse. O utlwile se Koko a se buileng mme le ene ga a itse. O utlwile se Mmutla a se buileng mme le ene ga a itse. O utlwile sengwe se wela mo fatshe le lentswe le re, 'Taboga Mmutla, taboga!'"
Kgomo e ne e tshwenyegile mme le yone ya simolola go taboga.
Ba ne ba kopana le Katse. Katse ya botsa, "Lo tabogela eng?" Kgomo ya araba, "Ga ke itse. Ke utlwile fela se Tonki a se buileng, mme le ena ga a itse. O utlwile se Pitse a se buileng mme le ena ga a itse. O utlwile se Ntšwa a se buileng mme le ena ga a itse. O utlwile se Mmutla a se buileng mme le ena ga a itse. O utlwile sengwe se wela mo fatshe le lentswe le re, 'Taboga Mmutla, taboga!'"
Katse le yona ya simolola go taboga le diphologolo tse dingwe.
Jaanong ba kopana le mosimane a kgweetsa baesekele, mme le ena a botsa, "Lo tabogela eng?" Mme diphologolo tsa araba, "Ga re itse. Re utlwile se Mmutla a se buileng mme ga a itse. O utlwile sengwe se wela mo fatshe le lentswe le re, 'Taboga Mmutla, taboga!'"
Mosimane a tshega mme a re, "Ke apole e weleng mo setlhareng ka ntlha ya phefo. Ke nna ke rileng, 'Taboga Mmutla, taboga!'"

