Megagaru ya ga Abele
Mutugi Kamundi
Zablon Alex Nguku

Bogologolo tala kwa motseng wa Maropeng, go ne go na le monna a bidiwa Abele. O ne a rata go ja nama thata.

1

Ka letsatsi lengwe, kgosi ya motse wa Maropeng e ne ya laletsa baagi botlhe moletlo wa lenyalo la morwa wa gagwe.

2

Abele o ne a utlwa gore go nale moletlo o mongwe kwa motseng wa Makau. "Eish! Meletlo e mebedi ka letsatsi le lengwe!" Abele a nagana.

3

"Ke tshwanetse go ya kwa go yona ka bobedi", ga rialo Abele. "Ke tla ya pele kwa Makau, ke boe ke boele mo Maropeng."

4

Abele o ile a tsoga phakela mme a ya kwa motseng wa Makau. O ile a lemoga gore moletlo ga o ise o tshimolole. "Ke tla boelamorago kwa Maropeng mme ke tla boela mo Makau motshegare," Abele a nagana.

5

Abela o ne a boela Maropeng a gopotse gore o tla fitlhela nama e butswile. Ka nako e o ne a tshwerwe ke tlala thata. Fa a goroga, batho ba ne ba setse ba sa apaya nama.

6

"Ke tlogetse baapei kwa Makau ba apaya," a nagana. "Ke nagana gore ba feditse jaanong." Abele a swetsa go boela kwa Makau.

7

Fa Abele a goroga kwa Makau, batho ba ne ba setse ba feditse go ja. Batla-moletlong ba ne ba fa monyadi le monyadiwa dimpho. Abele o ne a le pelo e e maswe. O ne a sena mpho go fa banyadi. O ne a batla fela go ja.

8

Abele o ne a swabisitswe ke go fitlhela dijo di fedile. O ne a nagana go boela morago kwa motseng wa Maropeng. Ka gonne o ne a tshwerwe ke tlala ebile a lapile, o ne a sa kgone go tsamaya ka bonako.

9

Fa a goroga kwa motseng wa Maropeng, batho ba ne ba bina ebile ba ja tlhako. Ba ne ba setse ba feditse go ja dijo tsotlhe.

10

Fa a utlwa gore dijo di fedile, Abele o ne a idibala. O paletswe ke go bona nama kwa meletlong eo e mebedi. Fa a idibologa, a fiwa motogo mo bikitshaneng!

11

Ka bonya, o ne a ya gae a tshwerwe ke tlala mme a utlwile botlhoko.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Megagaru ya ga Abele
Author - Mutugi Kamundi
Translation - Lorato Trok
Illustration - Zablon Alex Nguku
Language - Setswana
Level - First paragraphs