

Bogologolotala Tau e ne e le phologolo e e maatla, ebile e tshabega go feta diphologolo tsotlhe. O ne a tshwara diphologolo tse dingwe mme a di je. Mme e ne ya re moso mongwe fa a ntse a batlana le sa go ja, a tshwarwa ke selaga sa motsumi.
Tau o ne a rora jaaka go ne go sa tlwaelega ka ntlha ya botlhoko jwa selaga. O ne a dirisa maatla a gagwe otlhe go leka go ipholosa mo selageng. Selaga se ile sa tiela go ya pele mo leotong la gagwe fa a ntse a goga jaana. Tau o ile a lapa mme a utlwa botlhoko thata mo leotong la gagwe. Kwa bofelong, a ineela.
Malatsi a feta Tau a ntse a bakiwa ke letsatsi. O ne a tshwerwe ke tlala le lenyora mme go sena ope yo a ka mo thusang. O ne a nna bokoa motsotso le motsotswana. "Ke a go bolawa ke tlala le lenyora mo selageng se," a nagana a le esi.
Moso mongwe, Tau a utlwa modumo o tswa kwa ditlhatsaneng tse di gaufi. A reetsa sentle mme a lebelela. A bona Kolobe ya naga e tsamaya le mosadi wa gagwe le bana, ba bua ebile ba tshega. Ba lelapa la ga Kolobe ya naga ba ne ba ya kwa nokeng go ya go nwa metsi le go tshamekela mo seretseng pele letsatsi le gotela.
"Kolobe ya naga! Nthuse tswee-tswee! Kolobe ya naga! Tau a lela. "Tswee-Tswee ntlosa mo selageng se," Tau a kopa a ikobile. "Le eseng," ga rialo Kolobe ya naga. "O phologolo e e setlhogo. Fa nka go thusa o tla re dira dijo tsa gago tsa mosol." "Ke a go tshepisa ga ke na go dira jalo. Re tlile go nna ditsala fa o ka nthusa," ga bua Tau."
Kolobe ya naga a utlwela Tau botlhoko. "Ga ke rate go go bona o le mo ditlhabing tse di kana, o nyorilwe ebile o swa ke tlaIa." O ile a goga selaga ka dinakana tsa gagwe tse di thata mme a golola Tau. Kolobe ya naga o falositse tsala ya gagwe e ntšhwa.
"Ke go leboga go menagane tsala ya me jaaka o folositse botshelo jwa me," ga rialo Tau. "Jaanong ke tshwanetse ke ye go ba lelapa la me, sala sentle." "Tsamaya sentle tsala ya me," ga rialo Kolobe ya naga. O ne a itumetse gore Tau ke tsala ya gagwe. "Nna le ba lelapa la me ga re na go tlhola re tshaba Tau jaanong," a nagana.
Tau o ne a tsamaya, a tlhotsa ebile a le bokoa. Gape o ne a sule ke tlala. Mme a bona dikolojana di tshamekela mo seretseng. "Gompieno ke letsatsi la me la masego," Tau a bua molomo wa gagwe o tswa mathe.
"Hela Kolobe tsala ya me," Tau a goa. "Ke ntse ke tshwerwe ke selaga malatsi a le mantsi ntle le dijo. Mme fela ga ke a itekanela go ka tsoma. A o ka mpha a le mongwe wa bana ba gago ke mo je?" Kolobe ya naga o ne a maketse. "Ke go pholositse mo selageng jaanong o batla go njela bana?"
"Tshwarelo tsala ya me." ga bua Tau, fela ke tshwerwe ke tlala. Ga ke na maatla gona jaanong mme fela ke nale maatla go go feta." Tau a bula molomo go bontsha meno a gagwe a a bogale. "Fa o sa mphe a le mongwe wa bana ba gago, ke tla itseela a le mongwe," a rora."
Kolobe ya naga o ne a itse gore ga a na lebelo le maatla a ga Tau. Ga a kitla a kgona go sireletsa bana ba gagwe mo ntweng. "Go siame," ga rialo Kolobe ya naga. "Ke tla go fa a le mongwe wa bana ba me. Mme fela ka batla o mpontshe gore o ne o tshwaregile jang mo selageng. Ka gongwe ke tla tlhoka go thusa tau e nngwe go tswa mo selageng gape."
Tau o ne a gopotse fela tatso e e rokotsang mathe ya kolojana mo molomong wa gagwe. O ne a sa kgone go leta. Tau o ne a boela mo selageng mme a tsenya leoto la gagwe go bontsha tsala ya gagwe gore o ne a tshwaregile jang.
"Ao!" Tau a rora. Kolobe ya naga o ne a tswadile selaga mo leotong la ga Tau. "Aha! Ke go tshwere," ga rialo Kolobe ya naga. "O tla nna mo selageng seo ka tlala le lenyora gape. Bona gore a meno a gago a a bogale le dinala tsa gago di tla go thusa jaanong."
"Tabogang! Tabogang! Tabogang!" Mosadi wa ga Kolobe ya naga a goelela bana ka lentswe le le kwa godimo. "Tsholetsang megatla ya lona fa lo taboga gore rralona a lo bone" a goa. Bana ba taboga ka lebelo le ba le kgonang mo gare ga naga.
"Kolobe ya naga, nthuse tlhe!" Tau a kopa ka pelo e e botlhoko gape. O ne a le mo ditlhabing tsa meno a a bogale a selaga sa motsumi. "Ke tla go direla sengwe le sengwe fa o ka mphalosa." "Le eseng, ramaaka! Nka se tlhole ke go tshepa gape," ga bua Kolobe ya naga. "Ebile ke tlile go bolelela diphologolo tse dingwe gore di se go thuse ka gonne o molotsana."
Kolobe ya naga o ne a bona bana ba gagwe ba taboga ba tlhomagane le mmabona. Megatla ya bona e ne e emeletse gore a kgone go ba bona. O ile a itlhaganelela kwa lelapeng la gagwe mme botlhe ba ne ba sireletsegile. Go fitlha ka letsatsi le, dikolobe tsa naga le bana ba tsona ba taboga ba tsholeditse megatla go bona gore mongwe le mongwe o sireletsegile.

