

Mo sekgweng sa Miwa, go ne go dula Tshwene yo o neng a utlwile botlhoko ka dinako tsotlhe. Nako e nngwe le e nngwe fa a ne a nna le ngwana, o ne a tlhokafala.
Botlhoko jwa go latlhegelwa ke bana bo ne jwa dira Tshwene gore a tlolakele kwa godimo le kwa tlase. O ne a tlolela mo kaleng e nngwe, mme a tlolele mo go e nngwe, a goe a re, "Kwi! Kwi! Kwi!"
Tshwene o ne a utlwile botlhoko ka dinako tsotlhe. O ne a utlwa botlhoko thata fa a ne a bona botshwene ba bangwe le bana ba bona.
Tshwene yo o utlwileng botlhoko o tla dula mo kaleng mme a lebelele kwa godimo. Matsatsi a ile a feta mme Tshwene a ntse a lelela ruri.
O ne a tshola lesea gape. O ne a isa lesea kwa tseleng gore bafeti ka tsela ba le bone ebile ba le eleletse masego.
Tshwene o ne a fologela mo fatshe go tswa kwa kaleng mme a baya lesea mo thoko ga tsela. Ka nako eo, monna wa motsumi o ne a le mo tseleng ya go ya gae. O ne a bona tshwenyana e robetse mo thoko ga tsela.
Monna wa motsumi o ne a tsaya tshwenyana a isa kwa lapeng la gagwe. Erile fa monna wa motsumi a fitlha kwa lapeng, basimane ba gagwe ba bararo ba ile ba batla go tshwara tshwenyana.
Basimane ba bararo ba ile ba tshameka ba opela: "E latlhela kwa godimo! E latlhele kwa tlase! E latlhele kwa go nna! E latlhele kwa go ene!" Tshwenyana e ne a lathelwa go tswa kwa mosimaneng o mongwe go ya go o mongwe.
Fa basimane ba bararo ba ntse ba tshameka ka tshwenyana, mmayona o ne a iphitlhile mo setlhareng a lebeletse. O ne a tshogile gore ngwana wa gagwe le ena o ltile go swa jaaka ba bangwe.
Mme mosadi wa monna wa motsumi a tla mme a bona bana ba tshameka ka tshwenyana. "Tlhokomelang! E tliseng mo go nna. Lo tla e digela mo fatshe!" a rialo.
O ile a baya tshwenyana mo diatleng tsa gagwe, mme a e tshegofatsa.
Mosadi wa monna wa motsumi o ile a baya tshwenyana mo fatshe. Tshwene o ile a tsaya lesea la gagwe mme a le baya mo sefubeng sa gagwe. O ile a nyamelela kwa godimo ga setlhare. A se tlhole a latlhegelwa ke bana gape!

