Mma Mogala
Ursula Nafula
Marion Drew

O bidiwa Mma Mogala. O mmone fela!

1

O na le megala-ya letheka e metlhano. Fela fa a tsoga, o tlhomaganya megala ya gagwe  mo tafoleng.

2

E e serolwana ke ya go bua le ba lelapa.

3

E e tshweu ke ya go bua le badiri mmogo.

4

E e khibidu ke ya go bua le ba ba saletseng kwa morago ka melato.

5

E e pinki ke ya go bua le ditsala tsa gagwe.

6

E e phepole ke ya go bua le batho ba ba tlhokang thuso ya gagwe.

7

Mma Mogala o rata go bona batho ba itumetse. Ga a rate ntwa.

8

O letlelela bana go bogela thelebishene ko lebenkeleng la gagwe.

9

O etela balwadi le bagodi kwa matlong a bona.

10

Fa a fetang teng, batho ba a goelela "Mma Mogala! Mma Mogala!"

11

Mme a itumele mme a re, "Ke Mma Mogala. Bona megala ya me!" Ke Mma Mogala le megala ya gagwe ya letheka e metlhano.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Mma Mogala
Author - Ursula Nafula
Translation - Lorato Trok
Illustration - Marion Drew
Language - Setswana
Level - First sentences