Motlhokomedi le serapa sa gagwe
Ursula Nafula
Magriet Brink

Se ke kgang ka ga motlhokomedi le serapa sa gagwe sa diphologolo tsa dikhutsana.

1

Tiro e ne ele ntsi kgwedi e e fetileng kwa serapeng. Bonolo e ne e le phologolo ya ntlha go goroga. O ne a le bokoa ebile a le bodutu.

2

Erile go ise go ye kae, Bonolo a tiya mme a simolola go tshameka le diphologolo tse dingwe.

3

Ka letsatsi le lengwe mo go yona kgwedi eo, sefofane se se bofefo se ne sa goroga kwa serapeng.

4

Se ne se tlisitse tlowana e phuthetswe ka kobo e kgolo.

5

Lolo o ne a le mo gare ga kobo. E ne e le tlowana ya malatsi a matlhano.

Motlhokomedi o ne a fepa Lolo ka lebotlolo.

6

Bosigo bongwe batho botlhe ba ne ba tsosiwa ke kgorogo ya ga Amo.

7

Amo o ne a nale dikgwedi di le tlhano. O ne a le bokoa morago ga leeto le letelele.

8

O ne a nale thamo e telele, ka jalo motlhokomedi o ne a tshwaretse lebotlolo la gagwe kwa godimo go tloga kwa setlhareng.

9

Dikhutsana ts abofelo go goroga mo kgweding eo e ne ele masea a mangau a a bolailweng ke tlala, Kopi, Kepi le Keji.

10

Motlhokomedi le bathusi ba gagwe ba rata diphologolo tsotlhe, tota le tse di senang tsebe!

11

Badiri ba kwa serapeng ba dira ka thata. Ba eletsa gore ka letsatsi lengwe diphologolo tse, di ka itlhokomela. Di kgone go tshela kwa nageng jaaka go tshwanetse.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Motlhokomedi le serapa sa gagwe
Author - Ursula Nafula, Nina Orange
Translation - Lorato Trok
Illustration - Magriet Brink
Language - Setswana
Level - First sentences