Setimamolelo le pitsana ya maoto a mararo
Pelonomi Itumeleng
Rob Owen

Setimamolelo e ne e le mosimane wa dingwaga tse di lesome le bobedi yo o neng a nna kwa Kuruman. O ne a na le dineo di le dintsi—e le mosimane yo o bopilweng ka talente. Nngwe ya dineo tsa gagwe e ne e le bokgoni jwa go butswela molelo ka molomo. Seno se ne se kgatlhisa fela gape se le kotsi.

1

Maitseboa mangwe, fa a ntse kwa ntle gaufi le molelo, o ile a bona ditshwantsho di le tlhano di tswa mo kgabong ya moelo . O ne a itse gore ke bomang—bommemogolo le borremogolo ba gagwe, ba ba kileng ba nna le neo e e tshwanang le ya gagwe, fela ba ile ba tlhokafala dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Molelo o ne wa gola wa phatsima le go feta, mme ka tshoganyetso, ba nyelela.

2

Fa a re pha!, setlhare se ne se tuka ka molelo. Batho ba ne ba siana, matlo a tuka, mme tlhakatlhakano e ne e tletse mo moyeng. Dikoko, dintša, le dipodi di ne di tshaba ka poifo. Molelo o ne o tuka ka bogale, o sa emisiwe.

3

Le diphala di ne tsa taboga di tlola kwa godimo, di tshabela kwa dithabeng tsa Gamohana. Molelo o ne wa senya sengwe le sengwe mo tseleng ya ona, mme go ise go ye kae, motse wa Maruping o ne o fetogile molora fela.

4

Setimamolelo o ne a gopola sengwe se a neng a tle a se utlwe nako le nako fa a butswela molelo ka fa tlase ga pitsana ya maoto a mararo: o ne a tle a utlwe mafoko a reng, "Molelo o o o butswelang, o tshwanetse go o laola." O ne a ithutile go butswela molelo, mme o ne a ise a ithute go o laola. Ka bopelokgale le maikemisetso a go boloka motse wa gagwe, o ne a taboga a ya kwa dithabeng tsa Gamohana go batla tsela ya go laola neo ya gagwe.

5

Kwa godimo ga thaba, o ne a fitlhela morwarraagwe a mo emetse. Morwarraagwe o ne a mo ruta tsela ya go tima molelo a dirisa letlhare le le kgethegileng la mokala. Setimamolelo o ne a ikatlhola ka natla, bosigo le motshegare, a ikemisitse go bona taolo ya neo ya gagwe.

6

Fa lefifi le sena go wela mme dinaledi di binabina mo loaping, batho ba motse ba ne ba bona malakabe a phatsima kwa thabeng, mme ka ponyo ya leitlho, a nyelela mo lefifing . Setimamolelo o ne a tswelela a ikatisa, gape le gape, a sa fele pelo.

7

E rile motse wa Maruping o sena go agiwa gape, Setimamolelo a simolola go bontsha bana ba bannye neo ya gagwe. Mme sa botlhokwa le go feta, o ne a ba ruta botlhale jo pitsana ya maoto a mararo e neng e mo aroletse jone: "Molelo o o o butswelang, o tshwanetse go o laola."

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Setimamolelo le pitsana ya maoto a mararo
Author - Pelonomi Itumeleng
Illustration - Rob Owen
Language - Setswana
Level - Read aloud