Selemo
Esther Solane Masinge
Esther Solane Masinge

Go ne go le mosetsana mongwe a bidiwa Lethabo. One a kwa motseng mongwe o bidiwa Watervaal. Mosetsana yo one a na le kgaitsadie yo o neng a rata malomo.

1

Kgaitsadie Lethabo e bong Mmathapelo o ne rotloetsa Lethabo ka gale gore ba ja le tshingwana ya malomo. Lethabo o ne a sena kgatlhego epe.

2

E ne e re fa Lethabo a eta kwa ditsaleng tsa gagwe le ba losika a ba jalele malomo mme fa a ka boa a sa dira jwalo o ne a utlwa botlhoko.

3

Lethabo o ne a tshoganyetsa ke bolwetse a tlhokofala.Ditsala, badiri ka ene le ba losika ba ne ba mo paka jaaka motho yoo o neng a rata malomo e bile mongwe le mongwe a bolela fa a mo jaletse malomo fa a ntse a tshela.

4

Morago ga lobakanyana Mmathapelo a simolola go tlhoafalela kgaitsedie e bong Lethabo. O ne a seka dikeledi a sa itse gore a direng eng. O ne a tlela ke leano la go lema tshingwana ya malomo go mo gopola le go itshidisa ka yona.

5

Lethabo a simolola go epa mosima wa go tshela makgapetla a merogo le maungo go dira mosutelo. A simolola go jwala malomo. Fa ba lelapa ba fetsa gotlhapa, tsaya metsi a o a a dirisa go nosetsa tshingwana ya gagwe ya Malomo.

6

Letsatsi lengwe le lengwe a ya kwa tshingwaneng go e lekola le go nosetsa mme pelo ya gagwe e ne ya simolola go kgatlhegela malomo jaaka kgaitsadie.

7

Baagisani ba ne ba tla go kopa dijalo tsa malomo gore ba ye go jala.Mo motsaneng wa Watervaal le gompieno go nale dikgaisano tsa di tshingwana tsa malomo.

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Selemo
Author - Esther Solane Masinge
Illustration - Esther Solane Masinge, Esther Masinge
Language - Setswana
Level - First paragraphs