

Ka letsatsi lengwe go ne go na le ba lelapa la ga Mollo.Rre o ne a dira kwa lebenkeleng la diaparo.Mme o ne a tlhola fa gae le bana ka fa a se na tiro.
Ka labotlhano rre o ne a boa le nama gore ba je ba itumele. Go ne go le monate mo lapeng.
Ka letsatsi lengwe mme o ne dira tshingwana kwa morago ga ntlo.A jala merogo .Maitsiboa fa rre a boa tirong o ne a sa itumelela tshingwana.
E rile fa rre a ya kwa tirong a fitlhela dikgang tse di botlhoko.Tiro e ne e fedile.Rre o ile a boela gae matlho a tletse dikeledi.
A tlhalosetsa mme le bana."wa bona jaanong gore tshingwana e botlhokwa rre"ga bua mme.Rre o ne a sa itumela.A tswa a sa laela.
Moragonyana a bowa a tshwere kgetsana ya peo ya maungo le merogo.Ba emelela ba ya kwa tshingwaneng go jala.
Tshingwana ya gola ba kgona go rekisa merogo le maungo le bona ba ja.Batho ba bantsi ba ne ba reka merogo.Lelapa la ga Mollo la kgona go tshela ,le fa rre a latlhegetswe ke tiro.

