Letlhabula
Esther Solane Masinge
Esther Solane Masinge

Go kile ga bo gole mme mongwe a bidiwa ausi Makoti. One a bidiwa ausi Makoti gonne batho ba mo motseng ba ne ba simolola go bona lenyalo la lesira ka ene.

1

One tswa kwa motseseteropong, a fitlhela seo a neng a se rata. One a rata tshingwana le go lema. Fa a neng a nna teng e ne ele seithati.

2

Ausi Makoti o ne a simolola tshingwana e ntle a jala mmopo. Mme ka nakoya Letlhabula o tla besetsa bana le ditlogolo. Fa ele nako ya maitiso obesetsa bana mmopo a bo a o apaya.

3

O ruta bana ba gawe go ja dijo tsa setso. O ba Apeela maraka. Letsatsi lengwe le lengwe o ba Apeela sengwe gore fa ba itiisitse ba je ba Seka ba tshwara ke tlala.

4

O itumeletse go aga kwa magaeng gonne o dira ditiro tse a di ratang ka botswapelo. Le batho ba motse ba tla ba reka morogo.

5

O ba rekisetsa ditloo le matokomane. Ausi Makoti le fa a ka lwala o tsoga a ya kwa tshinganeng go ishidilolateng. Fa a sa ya kwa tshinganeng o utlwa botlhoko thata segolo jang ka nako ya Selemo.

6

Kwa lelapeng la ga ausi Makoti go phela go jewa dijo tsa setso. Batho ba mo etela go tsaya malebela mo go ene. Ausi Makoti ga nne ka matsogo are ga gona tiro kgotsa dijo.

7
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Letlhabula
Author - Esther Solane Masinge
Illustration - Esther Solane Masinge
Language - Setswana
Level - First paragraphs