Maemo a bosa
Molelekeng Salome Serake Tlhapane
Molelekeng Salome Serake Tlhapane

Ke nna letsatsi. Ke tlisa mogote le lesedi.Ke ratwa ke batho botlhe. Basimane le basetsana ba itumelela go thuma mo metsing go ntsha mogote.

1

Ke nna phefo. Ijoo! Ke busula jang? Bana ba ntlhoile bobe. Ga ba rate go apara diaparo tse di bothitho. Ga ba tloletlole kwa ntle. Ke ba gatsetsa menwana le ditsebe.

2

Ke nna pula. Ke ratwa ke bana.Ba rata go tlolatlola kwa ntle. Ba bina santlapulele mo metsing. Dimela di a itumela. Matamo le dinoka di tlala metsi. Ke timola mogote.

3

Ke semathane gongwe letlhwa. Ke tlisa maruru a a feteletseng. Naga e a sweufala. Bana ba apara diaparo tse di bothito. Fa o sena dikobo tse di lekaneng, o ka se ke wa lala o letse. O tlaa roroma bosigo botlhe.

4

Ke nna dikgadima. Ke tshabiwa ke batho botlhe. Nka dira molelo o o setlhogo. Ga go ope yo o emang ka fa tlase ga setlhare. Ope a se ka a tshwara metsi. Bana ba nna ka fa ntlong. Ke kgalema ka bogale ka lobelo. Lesedi la me le a tshabiwa.

5

Ke nna Maru. Ke a biloga. Ke thiba tlhabo ya letsatsi. Ke emisa batho ka dinao. Ba akanya fa pula e tla. Ke tlisa maruru.

6

Ke nna sefako.Ke tla le pula. Ke konopa matlapana a masweu. Bana ba rata go a sela ba a ja. Ka dinako dingwe ke konopa matlapana a magolo. Nka gobatsa bana le diruiwa jaaka dikgoko. Nka senya merogo.

7
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Maemo a bosa
Author - Molelekeng Salome Serake Tlhapane
Illustration - Molelekeng Salome Serake Tlhapane
Language - Setswana
Level - First paragraphs