Mokoko le sethole
Leketi Thandiwe
Lerato Sigasa

Bogologolo-tala go ne go le mokoko o nna le balelapa la gagwe.Go ne go le sethole ka mmala o borokwa le bosweu .Ditsuane tse pedi ka mmala o serolwana.

1

E ne e le mo mesong fa sethole se bitsa mokoko ka lentswe le le edileng.Se ne sa kopa mokoko go ya go adima lomao kwa go pekwa,go tla go ba rokela diaparo tsa Keresemose.Mokoko o ne wa siana ka lobelo go diragatsa jaaka o laetswe.

2

Ka ponyo ya leitlho mokoko wa boa o tshwere lomao.Pekwa o ne a kopa mokoko gore lomao lo boe pele letsatsi le wela.Sethole se ne sa dumalana le puo eo mme sa tshepisa go diragatsa jalo.

3

Sethole se ne sa roka letshegare lotlhe se sa lebelele nako.Fa se re phaa-phaa ke ura ya bolesome bosigo..Sa goeletsa ka lentswe le le kwa godimo sa re"Ijoo!! ke ntse ke sa lebelele nako pekwa o emetse lomao lwa gagwe ,mokoko lo busetse"

4

Mokoko o ne o makaditswe ke go goeletsa ga sethole.Go utlwa se se diragetseng wa sianela go dira jaaka o kopilwe.

5

Mokoko o ne wa siana wa bo wa siana o lebeletse nako.Fa o ntse o siane jalo lomao lwa wela fa fatshe. Wa Fata wa bo wa
Fata go se nko e tswang lomina.Wa tlelwa ke tlhaloganyo ya go ya gae go kopa thuso kwa gae.

6

Fa a fitlha gae wa goeletsa sethole le ditsuane go tla go mo thusa.Tsa dira jaaka di kopilwe.Tsa batla bosigo botlhe go se nko e tswang lomina.Ka ura ya borataro mo mesong tsuane wa bona lomao.Ka boitumelo wa lemosa botlhe.

7

Ka bonako mokoko o ne wa busetsa lomao lwa ga pekwa.Fa a fitlha wa fitlha wa ikopela maitshwarelo.Pekwa wa amogela kopo.Fa a boela gae ba fitlha ba itumela ba bina ba keteka letsatsi la matsalo.Ba ne ba itumela botlhe ba apart diaparo tse p

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Mokoko le sethole
Author - Leketi Thandiwe
Illustration - Lerato Sigasa, Kgomo KH, Leketi Thandiwe
Language - Setswana
Level - First paragraphs