

Mo malobeng, mo motsaneng wa Lobatse go ne go na le mosimane mongwe a bodiwa Pulane.
Pulane o ne a nna le nkoko le bomonmawe ba le babedi ba basetsane.Pulane e ne e le leitsibolo mo lelapeng,e bile e le mosimane a le nosi.
Pulane ke ene yo o tsogang lwa ntlha phakela go ga metsi le go gotsa molelo go dira mogodungwana.Pele a ipaakanyetsa go ya sekolong
Ka metlha Pulane o fitlha thari kwa sekolong.Letsatsi lengwe morutabana wa gagwe a mo kgalemela go tla thari mo phaposing.Pulane ga a ke a araba,a nnela dilelo fela.O ne a fitlha a lapile ebile a robala mo phaposing ka a ne a ikutiwa letsap
Morago ga malatsi a mararo Pulane a bolelela nkoko gore morutabana o ne a mo kgalemela go tla thari le go robala mo phaposing.
Nkoko o ne a utlwa botlhoko thata.A simolola go tsoga phakela go ga metsi, go gotsa molelo le go direla ditlogolo mogodungwana
Pulane o ne a simolola go fitlha ka nako,kwa sekolong a seka a tlhola a robala mo phaposing.A simolola go dira tiro ya sekolo sentle.
Morutabana a sentle a mo kgalemela ka gonne o ne a tla ka nako e bile a sa tlhole a robala.Pulane o ne a itumetse thata ka a ne a kgona go dira tiro ya gagwe ya sekolo sentle

