Jabu yo o tlhokang tsebe
Molatela Ephesia Khomo
Molatela Ephesia Khomo

Go ne go le mosimane yo o tlhokang tsebe a bidiwaJabu. O ne a nna kwa motsaneng wa Voyenteen kwa Radium le lelapa la gaabo, mme, rre, abuti le ausi. Jabu e ne e le wa gofejane.

1

Ka letsatsi le lengwe ba etelwa ke ba leloko ba tswa Makapanstad. E ne e le moono wa bona go direla baeng dijo fa ba boela morago kwa ba nnang.

2

Mme o ne a apaya bogobe ba ting,a tlhaba kgogo. Ausi wa gagwe a apaya kgogo, a e phuthela ka lesela.

3

Jabu o ne a tsena sekolo kgakajana le legae, sekgala sa dikilomitara di le tharo go tswa fa gae. O ne a tsamaya le basimane ba ba gaufi le legae la gaabo. Ka jalo e ne e le wa ntlha go tswa fa gae mo mosong mongwe le mongwe.

4

Mosong oo Jabu o ne a fitlhela kgogo e phuthetswe ka lesela kwa phaposing ya go jela, fa tafoleng. O ne a tsaya kgetsana a tsenya kgogo fa gare ga yona,a tswa, a tsamaya.

5

Fa ausi a rulaganyetsa baeng dijo, kgogo e a neng a e diretse baeng e ne e seyo. O ne gakgamala, a ema tlhogo, fela ka ane a itse Jabu, a thubega ka lebelo, a sala Jabu morago.

6

A goeletsa "Jabu, Jaabuu", a mmona a tshotse kgetsana mo letsogong a tlhafuna sengwe, a botsa "Jabu kgogo e kae"?, Jabu a araba ka gore "ga ke itse", o ja eng?, "nama Jabu a araba".

7

Gona foo ausi a tsaya kgetsana, fela, kgogo e ne e sena dirope le maphuka. Jabu le ditsala tsa gagwe ba ne ba itatswa, ba ja nama. "Jabu ke ya go neela baeng eng", ausi a botsa Jabu.

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Jabu yo o tlhokang tsebe
Author - Molatela Ephesia Khomo
Illustration - Molatela Ephesia Khomo
Language - Setswana
Level - First paragraphs