Mosetsana kwa bofelong o a bona
Siphiwe Mahulane
Siphiwe Mahulane

Ka letsatsi lengwe go ne go na le ba lelapa la ga Phiri kwa Winterveldt .Rre,mme le morwadi wa bona Thato.

1

Ba ne ba tshela ka go rekisa maungo le merogo kwa mebileng .

2

Ka letsatsi lengwe Thato o ne a ya go tshameka le ditsala tsa gagwe.

3

Moragonyana o ne a boela kwa gae a lela matlho a gagwe a le mahibidu gape a le botlhoko.

4

Batsadi ba gagwe ba ne ba mo isa kwa bookelong .Ngaka e ile ya mo tlhatlhoba,mme ya ba bolelela gore a ka sa bona gape .

5

Ka letsatsi lengwe mo mosong ba ile batswa go rekisa jaaka ba tlhole ba dira. Fa ba ntse ba rekisa go ile gwa tlhagelela mohumagatsana Mmathuso,a ema go reka.

6

Mohumagatsana Mmathuso o ile a bona Thato mme a botsa ka ena.Ka kutlobotlhoko le dikeledi mmaagwe Thato a tlhalosa.

7

Mohumagatsana Mmathuso a ineelela go duelela ngaka ya matlho go thusa Thato.
Thato a tla bona gape.

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Mosetsana kwa bofelong o a bona
Author - Siphiwe Mahulane
Illustration - Siphiwe Mahulane
Language - Setswana
Level - First paragraphs