Ka letsatsi lengwe go ne go nale basetsana ba ba bedi kwa motseng wa Tseka. Maina a bona e ne e le Matshediso le Rethabile.
Ba ne ba rata go tshameka kwa ntle. Letsatsi lengwe lengwe bosigo ba ne ba ya kwa morago ga ntlo go tshamekela teng
Go ne go se mabone mme ba ikaegile ka lesedi la ngwedi. Fa ngwedi o le teng ba ne ba itumela thata.
Ba ne ba itumela ka gale kwa ntle fa ngweding le teng go fitlhelela ka ura ya bo lesome ba ntse ba tshameka.
Fa go se tlhole go le ngwedi ba ne ba hutsafala thata ba ne ba rata lesedi la ngwedi
Ba ne a opela dipina ba opa diatla ba ntse ba re"Dilo tsotlhe ke tse di ntle di bopilwe ke Modimo. O bopilwe dilo tse kgolo le tse dinnye".
Mo mosong o o latelang ba ne ba ema ka tlhoafalo, ba emetse go opela go fitlhelela mmaabone a ba bitsa gape.
Ba ne ba ema ka tlhoafalo go bona ngwedi o le moswa gore ba kgone go ya go tshamekela kwa ntle gape.