Rakgadi Betty o nna mo ntlong e e mo makgatlhanong a mebila. Go tletse leswe la dipampiri, dipolasetiki, mabotlolo le dithini.
1
O sela leswe mo jarateng, a bo a le tsenya ka mo kiribageng.
2
O kgarametsa keribaga go isa leswe kwa lefelong la matlakala kwa mmileng. Baagi botlhe ba tshololela leswe kwa teng. Go monkgo o o maswe thata.
3
Mpho,mosimane wa dilemo di le robongwe, o tlile go tsholola leswe kwa lefelong la matlakala. O bona sengwe se phatsimang e kete ke lebanta le le borokwa.
4
O a atamela, O tsaya legonyana a bo a kgotlha lebanta. Lebanta la tshikinyega go le gonnye. A tlolela kwa morago.
5
Mpho atamela gape gaufinyana. A le kgotlha. Lebanta la tsamaela kwa pelenyana. A le kgotlha gape, la tsamaela kwa pele-pele. A le kgotlha go fetelela, la tsamaela phetelela.
6
A lemoga gore selo se se phatsimang se se borokwa ebile se lebega jaaka lebanta, ke noga e e borukwa.
7
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Lefelo la matlakala mo mmileng
Author - Molelekeng Salome Serake Tlhapane Illustration - Molelekeng Salome Serake Tlhapane Language - Setswana Level - First paragraphs