Morumolani wa kgabo
Tlotlego Mokoena
Offei Tettey Eugene

Kgotso le Kagiso ba ne tsoga mo mosong ba ja sefitlholo le rre wa bona

1

"Khutso le Kgotso, ke batla gore le ise dijo tse kwa mma Morena fa le fetsa go ja," rre a ba bolella.

2

Fa Khutso le Kgotso ba le mo tseleng ya go ya kwa Mma Morena ba ne ba itumetsi, ba tlotla mme ba tshega

3

Ka tshoganyetso, kgabo e ntsho e ne ya tswa kwa sekweng! Ka jalo, Khutso le Kgotso ba ne ba tsoga tota!

4

"Tlisang kwano dijo tseo!" kgabo e ne ya raya Khutso le Kgotso. Khutso le Kgotso ba ne ba lella Moraga ga go fa kgabo dijo, ga fetsa ba ne ba tabogela gae.

5

Fa ba fetlha gae, ba ne ba tlhalosetsa rre gore go diragetseng mme rre o ne a sa itumela gotlhe! Mme rre o na le leano!

6

Fa ba isa dijo gape kwa Mma Morena, ba tla tsamaya ka tsela e ba kopaneng le kgabo mo yona. Fa ba kopana le kgabo, ba ne ba tsoga gape!

7

Mme fa kgabo a tsaya se ena a naganang gore ke dijo, o tla fitlhela selo se se makatsang!

8

Fa kgabo a re o bula se ena a e potsa gore ke dijo, ntšwa e ne ya mo tlolela, ya mo loma! Khutso le Kgotso ba ne ba itumetse thata! Ka jalo, kgabo a ka se tlhole a ba tshwenya, o ithutile gore a setlhole a nna modipa!

9
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Morumolani wa kgabo
Author - Tlotlego Mokoena
Illustration - Offei Tettey Eugene
Language - Setswana
Level - First paragraphs