

Khukwana, Mango le Nene ke di tsala tota. Ba ne ba tsamaya mo tseleng e e seretse go tswa sekolong, mo motseng wa Itumeleng.
Motse wa Itumeleng o potapotilwe ke ditlhare le dijalo.
Pula e ne e na di Kgwedi e sa fele, tlhabo ya letsatsi le yone e le khutswane.
Batho le diphologolo ba solofela go bona tlhabo ya letsatsi.
Mo tseleng e e yang gae, ba kgaganya mogare ga sekgwa.
Matlho a Bana a ne a makalela go bona, Lebokoso la logong le le tonna.
Le ne le beilwe fa tlase ga setlhare, se golelang gakala.
Makala a setlhare se,a ne a bonagala jaaka dipelo.
Bana ba kukuna ba salane morago, ba makaletse lebokoso.
Khukwana a atimela Lebokoso, la fetoga mmala go nna tala jwa legodimo
Mango a Sala Khukwana morago a kukuna le ene.
Fa a atimela Lebokoso la fetoga mmala go nna tala jwa bojang
Ka bofefo Nene a kukuna le ene a setse Mango morago.
Fa Nene a atemela Lebokoso, la fetoga mmala gape go nna serolwana.
Bana ba ngangisana ka gore mang a bule Lebokoso.
Khukwana bula! Lebokoso ga bua Mango.
Lentswe le le nnye, le buela kwa godimo.
Bula! bula!
Bana ba bula Lebokoso mmogo, e ne e le lesedi le le ntle.
La mmala o serolwana o phatsimang.
Ke letsatsi! ke letsatsi! ke letsatsi! bana ba goeletsa.
Letsatsi la bonagala gape mo motseng wa Itumeleng.
Bana le diphologolo ba itumetse go bona letsatsi.

