Goreng re tlhoka dinotshe?
Lorato Trok
Zainab Tambawalla

Reabetswe le Rebone ba etetse Tshimo ya Bosetšhaba ya Dithuto tsa Dimela.

Go na le mefuta e e farologaneng ya dimela le ditshenekegi mo tshimong. Rebone o bona dinotshe tse pedi, a goa ka letshogo. "Emisa!" kgaitsadie a kgalemela.

"A o gakologelwa kgang e rre a re e boleletseng? O ne a tshwanela go ya bookelong morago ga go longwa ke dinotshe," Rebone a rialo a sebaseba.

"Di mo lomile gonne o ne a tshwenya sentlhaga sa tsona. Di ne di itshireletsa!" Reabetswe a araba.

1

Reabetswe o rata dinotshe. O itse go le gontsi ka ditshenekegi tse di mosola tse.

A re go Rebone, "Ke a itse gore ga o itse gore dinotshe di na le puisano!"

"Wena, Ramaitsegotlhe, o tshwanetse o ithute mo go nna! A araba ka go fela pelo.

Reabetswe a tswelela, "Dinotshe di buisana ka go aga le go sireletsa sentlhaga sa tsona. Di buisana ka tiro ya tsona, go bona dijo, le go bona molekane. Fela jaaka batho!"

2

Rebone a dira ekete ga a reetsa, fela jaanong a mmotsa, "A di buisana ka go dira modumo?"

"Nnyaa! Di buisana go bina di tshikinyenga! Gape di buisana ka go tshikinya mebele ya tsona," Reabetswe a rialo a bina mo tselaneng ya tshimo.

Rebone a mo lebelela ka pelaelo. "Ruri?" a botsa.

"Ee. Gape di buisana ka dikhemikhale tse di kgethegileng, tse di tswang mo mebeleng ya tsona," Reabetswe a goa fa a tsamaela kwa pele a ntse a bina.

3

"Z-z-z, letsatsi lotlhe! A ga di lape?" Rebone a rialo, a leka go atamela gaufi le kgaitsadie.

"Modumo oo ke wa diphuka tsa tsona fa di fofa," Reabetswe a rialo.

"Bona fa, ke itse sengwe ka ga dinotshe!" Rebone o batla go ikgantsha ka sengwe se a se ithutileng kwa thutong ya bonetitshelo.

Reabetswe a ema, matsogo a le mo dinokeng tsa gagwe, a letile.

4

"Fa notshe e etela sethunya go ntsha matute, modula o o tswang mo sethunyeng o kgomarela mo maotong le mmele wa notshe," Rebone a rialo.

"Fa notshe eo e etela sethunya se sengwe, e fetisetsa modula mo sethunyeng se sešwa. Dipeo di mo moduleng. Ke ka moo dinotshe di thusang dimela go jala dipeo tsa tsona ka teng," a tswelela.

Reabetswe a dumela ka tlhogo, "Ee, seo se bidiwa tulafatso. Dinotshe di thusa go dulafatsa dithunya."

5

A oketsa ka gore, "Dimela di tlhoka dinotshe gore di kgone go arogana dipeo tsa tsone le go ungwa gape, le go ntsha dimela tse dišwa. Re tlhoka dinotshe gore dijalo tsa rona tsa dijo di gole."

Rebone a tsamaela kwa pele, a akanya, "Ke nnete. Dinotshe di botlhokwa. Gape di na le mesola e mengwe. A ke bone gore a Mabotlhale o a gakologelwa."

Rebone a retologa go bua le kgaitsadie. O ditorong tsa motshegare, a lebeletse dinotshe di etela dithunya.

6

"Reabetswe, wena, tlogela go tlhola o ntse o tebetse dinotshe o itlhaganele!" Rebone a goa.

A tsamaela kwa godimo go fitlhelela go kgaitsadie. A botsa, "Dinotshe di dulafatsa dimela tsa rona, mme di nale mesola e mengwe. A o gakologelwa dilo di le tharo tse re di fiwang ke dinotshe?"

Ba lebelelana, mme ba tshega fa ba ne ba araba mmogo ka nako e le nngwe.

7

"Dinotshe di ntsha mamepe, matute le modula!" ba rialo ka gangwe.

Ba thulantsha diatla tsa bona, ba le motlotlo gore ba gopotse thuto ya bona sentle jaana.

"A reye, Ramatlhale, a re batle mme le rre, ke tshwerwe ke tlala," Reabetswe a rialo go kgaitsadie.

"A o akantse se ke se akantseng?" Rebone a botsa matlho a gagwe a tletse boitumelo.

Ka bobedi ba goa ka nako e le nngwe, "Disekonse le mamepe!"

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Goreng re tlhoka dinotshe?
Author - Lorato Trok
Illustration - Zainab Tambawalla
Language - Setswana
Level - Read aloud