A re ye phakeng
Thapelo Sehularo
Soumya Menon

Ke moso wa Lamatlhatso.

Bana ba kopane kwa phakeng.

Mongwe le mongwe o a tshameka.

1

Jaanong, Tshegofatso a goga Neo mo seikgadietsong! O lekgeriso! A o a bona?

Ga go ope yo o batlang go tshameka le Tshegofatso gape.

2

Mo karolong e nngwe ya phaka go tshamekiwa kgwele ya dinao.

Setlhopha sa mmala wa botala jwa legodimo se nositse nno.

Ba itumetse.

3

Batshameki ba setlhopha se se pinki ba itumetse. Ba simolola go lwantsha ba setlhopha sa mmala wa botala jwa legodimo.

A go siame gore o simolola go lwa ka gonne o a latlhegelwa?

4

Mongwe le mongwe o itumelela phaka. Bangwe ba a tsamaya, bangwe ba a buisa. O bona ditirwana dife gape?

Ke boitumelo jo bokana fa batho ba itapolositse.

5

Lebelela setshwantsho ka kelotlhoko.

A o bona gore go diragalang fa batho ba latlhela matlakala a bona fa fatshe?

Go kgotlhela phaka.

6

Fa re tshameka mmogo, go botlhokwa gore re tlotlane.

Bangwe ba tlola kgati, bangwe ba tshameka ka dirolasekeiti. Ke eng se sengwe se o se bonang?

7

Rotlhe re tshwanetse go tlhokomela phaka, mme re e tshole e le phepa.

Ke pahaka ya rona.

Bona fela gore phaka ya rona e lebega bontle jang!

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
A re ye phakeng
Author - Thapelo Sehularo
Illustration - Soumya Menon
Language - Setswana
Level - First paragraphs