Kiletso ya metsamao: Ke kgonne Jang?
Glanice Masilo

Mokgatlho wa lefatshe wa pholo, o goeleditse mogare o moswa eleng COVID19. Mogare o o simolotse kwa Wuhan ko China. Batho ba le bantsi ba tlhokafetse. Ka ntlha ya go fetelelwa ke mogare o. Ele ka go tlhoka mowa o o phepa, o thusang go hema.

1

Ka di 18 Mopitlwe 2020. Moporesidente C.R. Ramaphosa o goeleditse go laolwa ga metsamao. E ne e le ka gonne, a leka go fokotsa kanamo ya ditshwaetsego tsa COVID19. Se sa diragala ka kamano le ba lefapha la tsa pholo.

2

E e ne e le nako e e masisi mo Aforika Borwa. Metsamao ya batho e ne e elwa tlhoko. Ka Mopitlwe go laolwa ga metsamao go ne ga atoloswa, mo kgweding ya Moranang. Ka ntlha ya dintsho. Dikolo di tswaletswe. Ka dirisa thekenoloji go ruta bana.

3

Ke ne ka kopa ba ikwadiso ya bana kwa sekolong. Go nneela dinnomoro tsa megala tsa batswadi mo SAMS. Ke batla go bula mmuisano le bona. Le go ruta bana ke dirisa mafaratlhatlha a thekenoloji. Ka ke ithuta ka ga tiriso ya founu go ruta.

4

Ke ne ka dirisa dithusathuto jaaka, tsa go rekhota, metshameko le Dipina. Go ba katisa go reetsa le go utlwelela. Tiriso ya founu e godisa, go ithuta go dira ka bobona. E rotloetsa go ithuta ka nako ya bone, koo ba leng teng.

5

Ke mokgwa o o nthusitseng go ruta ka mafaratlhatlha a founu, ka nako ya go laolwa ga metsamao. Tiriso ya founu go ithuta kwa gae, e thusitse. Ke kgonne go neela ditaelo le dipoelo go bana. Ba ne ba tsaya ditshwantsho ba romela ditirwana.

6

Ke ka moo ke reng: "ga go sepe seo, se ka go ganetsang go ithuta." COVID19 ga ya ka ya re emisa go ithuta. E le ka gonne bana e le bagale ba kamoso. Ba a kganya ebile ba kgona go fitlhelela kwa godimo. Ka thekenoloji re fitlhelela bogodimo.

7

Ke gatisitse artikele ya khonforense. Ke dirisa founu. Ke tsenetse dikopano le batlhatlheledi ba me, mo mafaratlhatlheng. Ke morutabana, ebile ke moithuti.Ke a ruta, ke a buisana le go gatisa dibuka, ka founu. Ke moeteledipele fa ke leng?

8

Kwa ntle ga phaposi le Porofesa Mji. Yo a re tlhatlhelelang le go re thusa ka dithuto, kwa Unibesithing. O tshuma lobone lwa bana ba batho bantsho. O bontsha ka moo dipatlisiso di re bulelang mejako ka teng. Ke ena a re bontshang mafatshe.

9

Ke gatisa dibuka tsa bana ke dirisa founu. Ke leloko lwa British Council, SAIDE, Africanstorymaking le Ulwazi Lwethu. Go tokafatsa puiso ya bana. Le go katisa go buisa ka loleme lwa Setswana le maleme mangwe a Ma-Aforika.

10

Dibuka dingwe ke di gatisitse ka nako ya go laolwa ga metsamao le morago ga foo.

11

Se ke setshwhantsho le kgang ka ga me. Jaaka mmatlisisi le mokwadi wa dibuka mo ngwageng wa 2020. Ke go rotloetsa go ithuta.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Kiletso ya metsamao: Ke kgonne Jang?
Author - Glanice Masilo
Illustration -
Language - Setswana
Level - First paragraphs