Basetsana le tshwene e e lesilo.
Glanice Masilo
Offei Tettey Eugene

Bogologolotala go ne go na le Tshwene. E nna mo sekgweng. Gaufi le motse o bidiwang Longaneng. Go nna basetsana ba le Bebedi. Mpumi le Tsholofelo. Ba nna le rraabona a bidiwa Mosela. Ba aga ba lela gonne tshwene e ba tseela dipanana.

1

Basetsana ba le babedi. Ba ne ba dira kwa polaseng. Go jwadiwa dipanana. Gonne Rraabo ane a sa dire ka ele sefofu. Mme ka metlha ba boa ba tshotshe dipanana.

2

Tshwene e ne e ba tshosa. Fa ba latlha mmanki wa dipanana. E ne e ba tseela tsona go dija.

3

Tshwene e ne eja dipanana tsotlhe e di tsholotse fa fatshe. Mme basetsana ba lebeletse ba lela.

4

Letsatsi lengwe ba loga leano gore ba itshireletse kgatlhanong le tshwene e. Rrabona a ba neela ntswa go tsamaya le bona. Mme fa ba tlhaga. Tshwene ya ba tshosa. Ba seka ba latlha mmanki. Ba o ngaparela. Tshwene ya goga mmanki.

5

Ba lwana le tshwene. Ba goga mmanki o o senang sepe. Ba ne ba o khurumeditse ka kobo. Mme ntswa ya ba thusa ya garogela tshwene.

6

Go simolola letsatsi leo. Ba ikhutsa tshwene e ya se tlhole e ba tshwenya. Ba nna monate le rrabona. Ba ja dipanana tse di monate tsa bone.

7
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Basetsana le tshwene e e lesilo.
Author - Glanice Masilo
Illustration - Offei Tettey Eugene
Language - Setswana
Level - First paragraphs